Go itlhatlhobela mogare wa HIV, go tsala tlhaka-tlhakano maikutlo e e kwa godimo ya tenego, le go sa ikamogela seemo. Ka jalo, batho ba tshwanetse go sidilwa ditlhaloganyo go ba baakanyetsa tlhatlhobo, ga mmogo le gore maduo a ka raya eng. Tshidilo-tlhaloganyo e, e dirwa pele ga tlhatlhobo.
Motho o ka itsesewe maduo fela fa a itekanetse sentle mo tlhaloganyong le maikutlo, e bile a ipaakanyeditse go a amogela. Fa maduo a sena go tswa, motho o boa gape a sidilwa maikutlo. Ka go santse go na le go sa lebeng batho sentle, le go ba kgetholola, fa o tsaya kgato ya go itlhatlhoba, o tshwanetse go bo o itshekatshikile, e bile o ipaakantse.
Fela, go itse seemo sa gago go ka go thusa ka ditsela di le mmalwa, jaaka go bona thuso ya bongaka, le go baakanya bokamoso jo bo nitameng.