Go itebaganya le botlhokwa ba dipatisiso tsa HIV le AIDS le mekgwa ya yone go ka dira melawana, ditshwetso le mananeo a a maleba, lefatshe la Botswana le dira dipatlisiso mo go bomme ba ba itsholofetseng fa gare ga dingwaga tsa 15-49. Tshimologong ya dipatlisiso tse ka ngwaga wa 1992 , kelelelo e ne e le mo go phutheng tsotlhe tse di maleba le mokgwa wa bolwetsi go itebaganya le go kgobokanya letlotlo le tlhabololo mananeo. Mme fa bolwetse bo gola, go bonagala go tlhokega go sekaseka maele go akaretsa mekgwa ya boitshwaro tebang le segajaja. dipatlisiso tse dingwe tsa simolola ka ngwaga wa 2001.HIV mo go bo mme ba ba itsholofetseng ba dingwaga tsa15-49 e supile go tlhoka go gola jaaka go supiwa mo figure 1. Go tswa ka 2002 mokgwa wa dipatlisiso wa ANC HIV wa gola ka dipalo,kanamo ya lehatshe le metse selegae le toropo mo boemeding. Se se thusa go ipaakanya go tlhabantsha bolwetsi.
MOKGWA WA BOGOLOGOLO WA DIPATLISISO O A KOBOKANNGWA
• Go neela kitso ka mokgwa wa HIV mo bontsing kgotsa dipalo tsa pele tsa batho mo mafelong a a farologanyeng a Botswana
• Go dirisa mokgwa wa kanamo ya HIV mo dipalong tsa pele mo go baleng ga dibalamakgolo
• Go tlhatlhoba ka madi a rasephiphi a a setseng, tse dingwe le Antiretroviral drug resistance (ART).
• 4.Go abelela dipalo tsa bao ba ba amilweng ke mogare wa HIV mo setšhabeng ka kakaretso, ba ba dingwaga tse 15 – 49.
• Go neela dikitso go dira mananeo, tlhokomelo ya mananeo le go sekaseka katlego.