Boikarabelo jwa NACA mo Botswana
Maikaelelo a magolo a lekgotla le le lwantshang AIDS mo Botswana la NACA ke go dira le go ema nokeng tshwaragano, thulaganyo le thotloetso ya go diragadiwa ga mananeo a setšhaba go lepalepana le HIV/AIDS. NACA e na le boikarabelo jwa go rulaganngwa ga mananeo a AIDS mo mabakeng otlhe. Se se akaretsa go dirwa ga melawana le ditselana tse di ka lwantshang AIDS. Go dirwa ga lenaneo la setšhaba la HIVle AIDS, lenaneo la tiragatso la BCIC kana tsamaiso epe fela e e tlhokang go dirwa le go engwa nokeng ke ba-na-le-seabe, e rwalwa kwa tlhogong ke NACA jaaka boikarabelo jwa yone jo bogolo. Thulaganyo ya go akaretsa HIV/AIDS mo maphateng a puso, dikolo le mekgatlho e mengwe, go tlhoka go emelwa ka dinao. NACA e tlhomamisa gore HIV/AIDS e akarediwa mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tsa maphata le makalana. Lenaneo la National Strategic Framework (NSF 2003-2009) le tlhalosa ka botlalo maikarabelo le ditiro tsa NACA le mhama e mengwe e e nang le seabe mo tiragatsong ya Minimum Internal Package (MIP). NSF e dirilwe go lebilwe thata lenaneo la ditlhabolo la setšhaba.
Bokgoni jwa mehama yotlhe mo go lwantsheng HIV/AIDS bo bonala sentle kwa dikgaolong. Ke boikarabelo jwa NAC, e dirisa lephata la dikgaolo, go bona gore lenaneo la setšhaba le isiwa kwa bathong. Go akarediwa ga HIV/AIDS mo mananeong a ditlhabololo a dikgaolo ke kgatelopele fela e tona. Ditiro tsa ba dikgaolo di tlhomamisiwa sentle ke komiti ya maphata ya twantsho mogare(Multi-Sectoral AIDS Committee le ya dikgaolo ya DDC.
NACA gape ke motshwarateu fa go tla mogo tlhomeng le go diragatsa mananeo a a tsepameng a go tsosolosa setšhaba le go ela tlhoka gore bodiredi bo eme sentle go ka diragatsa maitlamo a lekgotla le.