Republic of Botswana
Government portal
Tautona Times
Ofisi E E Gokaganyang Tsa Ba Ba Naleg Bogole(PWD)

Puso e tsere tshwetso ya tlhoma ofisi e e tsamaisang e le mo go ya ofisi ya ga tautona go tsamaisa tsotlhe tsa bao ba nang le bogole. Se ke go lemoga gore gompieno dingwe tse di amang mananeo a ba na le bogole di neetswe bodiredi  ka go farologana. Mo godimo, lekoko la Botswana la ba na le bogole  le ntse le ipega mo pusong, le kopa tsamaiso e e botoka mo dithulaganong tse di amanang le  tlhokomelo le boleng jwa bone.
Tshimolodiso ya kelelelo ( focal point) lefatshe lotlhe e solofelwa go  itebaganya le dikgwetlho tse di lebanyeng ba na le bogole , ka mokgwa o o simeleng. Boikaelelo ke gore ka Phatwe ka 2009 ofisi e bo s dira, e bile ke keletso ya puso gore ofisi e o e tsamaisiwe  ke motho yo o nang le bokgoni e le yo o nang le bogole.
Ditiro tsa ofisi ke tse di latelang;


1. go tsamaisa mo lefatsheng lotlhe mananeo, maano le dithulaganyo tse di itebagantseng go akaretsa ban a le bogole.
2. Go neela boeteledipele jo bo rulagantsweng ka botlhale mo go ban a le seabe  ba ba dirang le ban a le bogole.
3. Go tsholetsa go tsaya karolo gab a na le bogole mo go tsa sepolotiki, morafe le itsholelo.
4. Go neela thuto ya morafe mo go ba tsaya karolo go akarediwa ban a le bogole ka tekatekano ya ditshwanelo tsa ba na le bogole.
5. Go nolofatsa go fitlhelela dithuto, ikatiso botsogo le melaetsa ya ban a le bogole.
6. Go dira gore kopano ya ban a le bogole e ungwa maduo le go tlisa madi mo dithulaganyong tsa bone.
7. Go akaretsa ban a le bogole mo go tlhaeng mananeo, go a dirafatsa le ditiro tsa ditlhabololo.
8. Go netefatsa gore puso ya batho ka batho e a tokafadiwa le mokgwa wa boikarabelo ke botlhe go akarediwa le ban a le bogole
9. Go rurifatsa tiriso ya molao, pabalasego le tshireletsego ya batho botlhe go akarediwa ban a le bogole.
10. Go jwala moya wa “Botho” le boikarabelo jwa morafe go tiisa boitshwaro kakaretso jwa morafe.
11. Go tlisa boipelo ka go lemoga dipharologano, le tsa gore ban a le bogole ke batho jalo ba tshwanetse go akola ditshwanelo tsa setho.
12. Go tsaya kwa le kwa melaetsa e eka kaelang mo go itebaganyeng le dikgwetlho tse di amang matshelo a ba na le bogole.
13. Go kopa dineo mo go ba baa bang ka bopelotlhomogi go thusa go rutuntsha ban a le bogole ka tsa itsholelo.
14. Go tlhokomela le go tsamaisa letlotlo la ga motlotlegi Seretse Khama la ba na le bogole.

Print
Close