Madume
Dumelang bana. Nna ke bitswa Boammaaruri. Ke tsile gole tlhalosetsa ka lephata lame.
Lephata le bitswa mang?
- Lephata lame le bitswa la Twantsho thenyetso setshaba le go gopela Itsholelo. Ka Sekgoa le bitswa Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC)
Lephata le simolotswe leng?
- Lephata le simolotswe ka kgwedi ya lwetse ka ngwaga wa 1994.
Lephata le simolotswe ke bo mang?
- Lephata le simolotswe ke puso ka molao oo dumalanweng ko Palamenteng ya Botswana ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 1994. lephata le le ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona mme le ikemetse ka nosi mo go diragatseng maitlamo a lone. Se se raya gore ga go ope yo o laolelang Lephata gore le dire tito ya lone jang
Tiro ya Lephata ke eng?
Lephata lena le ditiro tse tlharo tsa konokono:
- Go thothomisa dipelaelo, magatwe le bolomatsebe ka dikgang tsa tshenyetso setshba le go gopela itsholelo
- Go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.
- Go thibela tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.
Lephata le kgona jang tiro ya lone?
Lephata le nale makalana a le mararo, lengwe le lengwe le itebagantse le tiro ya lone.
Makalana a kea:
- Ditlhotlhomiso (Investigations)
- Thuto ya setshaba (Public education)
- thibelo tshenyetso setshba (Corruption Prevention)
Tshenyetso setshaba ke eng?
Gona le ditlhaloso tse di farologaneng tsa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo:
- Go amogela pipamolomo
- Go fa pipamolomo
- Go Solofetsa pipamolomo
- Go utswela puso madi/dithoto
- Go tila lekgetho
Bodiphatsa jwa tshenyetso setshaba ke eng?
- Motho a ka latlhegelwa ke tiro
- O ka ya kgolegelong
- O ka lefisiwa madimadi
- O senyega leina
- O ka bifelwa lego shengwa ke batho
- O ka gapelwa dithoto tsa rekisiwa ke puso
- Ditlhabololo di ka diega
- Letlhoko la ditiro le ka anama
- Lehuma le tlala di ka itelekela ka manokonoko aa shenneng meno
- Ditirelo le dithuso tsa puso di akolwa ke sethotshwana sa magotswana la ba ba dinalana
Nka lwantsha tshenyetso setshaba jang?
- O re nnyaa, gana pipamolomo
- Tlaleya tshenyetso setshaba ko DCEC
- Ruta setshaba ka ga bodiphatsa jwa tshenyetso setshaba
Nka lwantsha tshenyetso setshaba jang?
- Ka lekwalo (Go Mookamedi, DCEC, Bag 00344 Gaborone)
- Ka mogala wa mahala (0 800 700 100)
- Ka khomputara (reporttodcec@gov.bw)
- Ka sebele/namana (plot 1212 Molosiwa Road G-west Industrial, Gaborone)