Ba sepodise ba tshwere ba belaelwa ba le palonyana mapabi le melato e e farologanyeng ka tsamaiso ee faphegileng e e neng e dira mo Gaborone le tikologo. Ka nako eo, mapodise a ne a emisa, a botsolotsa a bo a phuruphutsha batho ba ba ka nnang dikete tse tharo makgolo a marataro, masome a le tlhano le botlhano. Mo go bone bale makgolo mabedi, masome a robabobedi le bobedi ba ne ba lebisiwa melato e e farologanyeng. Ba dikoloi ba le sekete, makgolo a mararo, masome a matlhano le borataro le bone ba ne ba emisiwa, ba botswa dipotso ba bo ba phuruphutshela mo melatong e e farologanyeng.
Melato e ne e akaretsa mo go emengwe go fitlhelwa ka dithoto tsa bogodu, go fitlhelwa ka ditlhatshana tsa ditagi, go tlola melawana ya ditsela, ya tsa thekiso le dino, modumo le go sa itshwareng sentle.
Mo go tse pedi, ba le barataro ba tshwerwe ba sena go fitlhelwa ka dikoloi tse pedi tse go belaelwang e le tsa bogodu, ha ba supa bone ba tshwaretswe go tshola motokwane ba sena tetla. Mapodise a ne a tshwara gape batho ba le lesome le bosupa ka molato wa go kgweetsa ba sena ditlankana tsa bokgweetsi.