Republic of Botswana
Government portal
Khansele Ya Itshireletso
Kitso ka ga lephata la itshireletso, Bosekisi

Tona ya lephata la Itshireletso le Bosekisi  ke ene tlhogo ya lephata le. Lephata le le itebagantse le:

  1. Khansele ya itshireletso
  2. makgotla a ditshwanelo tsa setho
  3. makgotla a sennela ruri a a itshwaragantseng
  4. itshireletso ya puso

Gape o tsaya boikarabelo mo maphateng a a ikemetseng a a latelang:

  1. BDF
  2. BPS
  3. DCEC
  4. AOJ
  5. DIS
  6. AG
Lekgotla La Ditshwanelo Tsa Setho

Botswana o santse a se na lekgotla la ditshwanelo tsa setho. Maiteko a tsweletse go bona gore le a dirwa. Khuduthamaga e setse e dirile maiteko a a tlaa sekasekwang kla yone kgang e. fa le tlhamilwe lekgotla le tlaa itebaganya le dikgang tse:

·     Tlhomamisa gore ditshwanelo tsa setho di salwa morago jaaka e le tshwanelo ka tsela ya teng

·         Go dira pego ya Botswana le go e isa kwa e batlegang teng jaaka go batlega

·         Itebaganya le dikgang tsa go tsenya ditshwanelo tsa setho gore di tsamaelane le tsa lefatshe

·      Go ruta setšhaba ka dikgang tsa ditshwanelo tsa setho

·         Go reetsa le go rarabolola dilelo tsa batho ba ba bonang gore ditshwanelo tsa bone di gatakilwe ka tsela nngwe.

 

 
Print
Close