Republic of Botswana
Government portal
Tsela ya go bega borukutlhi
Tsela ya go bega borukutlhi

Tiego ya metsotso e metlhano e ka senya sebaka sa go bona mmelaelwa. Go botlhokwa go bega ka pela.

·         Basupi ba ba boning ka matlho ba tihokega thata go swetsa dikgang tsa borukhutlhi. Mokgwa wa puo o o jaaka “ nna ga di nkame”, “ ke tshaba bosupi”, “ ke tiro ya mapodisi”, ga o letlelelwe mo thulaganyong ya ntebele ke go lebele.

·         Bolelela mapodisi ka fa o tlhaloganyang ka teng. Boammaaruri ga gona bo bo seng botlhokwa.

·         Go tshwarwa le go atlholwa mo go ntsi go bakwa ke se ba ba tlhokafaditsweng le basupi ba se begelang mapodise.

DIPOTSO TSE DI BOTSWANG FA O BEGA

Mapodise a botsa dipotso tse di latelang fa o bega;

·         Maina a gago ka botlalo, bonno le mogala?

·         Ke mang, eng, kae le leng?

·         Babelaelwa ba ne ba le kae?

·         O ka kaya babelaelwa?

·         O ka kaya dikoloi?

·         Ba bua puo efe?

·         Ke ba letso mang?

·         Nako e ne e le mang?

·         Dinomoro tsa dikoloi ke dife?

·         Bane ba dira eng?

·         Bane ba dirisa eng

·         Ba tsere eng?

·         Ba ne ba reng?

·         Ba ne baya kae le tse dingwe tse dintsi

Ka ditlamelo tse di tlhaelang le bodiredi, kana dipego tse dintsi tsa potlako, nako dingwe mapodise ga a tsiboge ka bofefo. Ba tsiboga go ya ka diphatsa tse di amang matshelo a batho. Jalo o seka wa fela pelo ka batla a go thusa.

GO NNA MOSUPI

  

·         Fa o begile borukutlhi, tshwara fela jalo.

·         Go nna mosupi kwa kgotla ya ditsheko ga go thata jaaka o akanya. O tla a tlamelwa ka tsa mesepele le tlhokomelo ya letsatsi lotlhe o le ko lekgotleng

·         Go a busetsa go sekisa; go atlhola dirukutlhi tse di tshwaretsweng go thubaka dikago, jalo ba kgorelediwe go senya ka go tlhatlhelwa.

Print
Close