Republic of Botswana
Government portal
Borukutlhi jo bo tsamaelanang le Temo thuo
Ditselana tsa thibelo bogodu jwa Leruo

Bogodu jwa leruo mo Botswana bo golelapele, bogolo thata mo mafelong a a mo melelwaneng, a a mo tikologong tsa ditoropo le tse ditona. Leruo le le amegang thata e le dikgomo, dipodi le ditonki

Leruo mo Botswana ke konokono ya matshelo le itsholelo mo lefatsheng leno, ka jalo le tshwanetse go sirelediwa ka ditsela tsotlhe. Seemo sa bogodu jwa leruo jaaka go kailwe fa godimo, bo dirwa ke digongwana tse di nonowlang ka diruiwa, tse di tshelang kgotsa dinama le dingwe tse di tswang mo ditshiding tse mo ditoropong ka maikaelelo a go rekisa kgotsa go tlhaba mo go seng ka fa molaong fela jalo.

Ka one mokgwa o, digongwana tsa dirukutlhi ba gokagana le bo ra dibuchara mo ditoropong le mo metseng ya magae go tila melawana ya khansele mme ba kgone go thaba leruo le le sa rekisiweng ko marekisetsong a setšhaba.

Molao wa bogodu jwa leruo

Go itebaganya le bogodu jo bo golang, molao wa bogodu jwa leruo

Stock Theft Act Cap 09:01 ya melao ya Botswana e na le ditshetla tse di laolang tiro e e masisi e .
Dikomiti tsa thibelo bogodu jwa leruo

Mo go lemogeng palo ya dikgetsi tsa bogodu bo bo golelang pele, dithulaganyo tsa go thibela bogodu jwa leruo di tlhailwe, tsa abelwa madi ke ba lephata la twantsho borukutlhi la setšhaba la sepodise sa Botswana. Gape maiteko a go thibela bogodu jwa leruo a dirilwe ke ba sepodise ba tshwaragane le bana le seabe go nyeletsa go nyeletsa bogodu ba leruo mo lefatsheng. Dintlha tsa puisano kwa thuto seka dipuisanong le dikokoano di akaretsa

.go nna podi matseba ka metlhale ya bogodu

.dikitso tsa tsela ya thibelo go kganela menyetla ya bogodu

.go kgotlhatsa barui go tshwaragana le bana le seabe

Thulaganyo e e neela monyetla gore barui le bao ba tsayang karolo ba kgone go buisana ka tse di amang mathata a leruo.

Maele a go thibela borukutlhi jwa leruo

1.   Simololang komiti ya thibelo bogodi jwa mo lefelong la gago. Mapodise a tla lo neela mekgwa ya bogodu jwa leruo, metlhale ya thibelo le dikitsiso tse dingwe. Batsaya karolo-badiri ba veterinary ba tla tsenelela dikomiti go amogana dikitso ka ga go tshuba le metlhale ya go tshwaya.

2.   Netefatsa gore leruo le tshubiwa sentle. Barui ba rotloediwa go dirisa metlhale ya omang le motlhale wa  boranyane wa “Livestock Identificaton and Trace-back system” (LITS).

3.   Barui ba dipolasi ba tshwanetse go agelela le go baya dipolasi mo seemong se se siameng jaaka diheke tse di tswalang sentle. Ba tshwanetse go beela megotlha e e pegelang kgakala le magora/diterata fa go kgonega.

4.    Boloka dipalo sentle, dinomoro tsa leruo, dintlha tsa kwadiso,tsotlhe ditlhaloso tsa phologolo le motsamao wa yone. Se se ka thusa go lemoga fa e utswilwe le gone leng, kae le go thusa mapodise ka di tlhotlhomiso, go nolofatsa go batla seruiwa le dirukutlhi

5.   Itsaneng sentle le baagisanyi. Morafe o o dirisanang o hema borukutlhi. Itsese baagisanyi gore ga o yo leng mo morakeng o tlogele le nomoro ya mogala le lefelo.  Ba kope go ela tlhoko baeng le dikoloi tse di sa tlwaelesegang mo ga gago mme o kope gore go ba go leletse

6.   Dira mmogo le mapodise go simolodisa lokwalo dikgang go neelana dikitsiso ka borukutlhi le thibelo ya bone le maele; rotloetsa puisano ka mathata a.

7.   Lalaletsa mapodise go etela mafelo a marekisetso le matlhabelo.ba ka dirisa nako e go bua le barui, bareki ba leruo le batlhokomedi ba matlhabelo ka ga borukutlhi.

8.   Tswee tswee etela moraka gangwe le gape go tlhaloganya dikgang tsa leruo.

9.   Begela mapodise ka ga bosenyi le borukutlhi ba leruo

 

Print
Close