Phokotso ya molato ke yone tiro ya rona ya konokono gape e le yone e e ko pele mo go rona. Maikaelelo a phokotso ya molato a botlhokwa mo tirong ya rona ya konokono.e sedimosa e ba e tlhabolola se se tshwanetseng go tlhabololelwa kwa pele go tswa mo maanong a a fetileng. Maikaeleo a a tla a rotloetsang kagiso, polokesego le thokgamo ka maikaelelo a go nna tšhaba e e thokgameng ebile e bolokesegile ka ngwaga wa 2016. Gore se se tle se kgonafale, ba ditirelo tsa sepodise sa Botswana ba ikaelela go:
.ntsha ditlamelo tsa maemo a a kwa godimo ko bathong ba Botswana tse di tlisang tse ba di tlhokang le go itebaganya le phokotso ya molato le go dira gore banna mmogo ba babalesege.
Re tla a iteka gore re fitlhelele maikaelelo a go diragatsa maano le matlhale ga mmogo le go dira metlhale yone e e nonofileng ya go fokotsa seemo sa molato le go dira gore banna mmogo ba babalesege. Re tla a tswelela ka go oketsa palo ya phokotso molato, ditlamelo , tse di dirisitsweng go tsweledisa tsotlhe tse di tlileng pele le kamano le banna mmogo.
Go bereka le makalana a mangwe,re tla a tswelela ka go tokafatsa pabalesego ya ditsela ka go fokotsa dipalo tse di tshosang ebile di boifisa tsa dikotsi tsa tsela mo ditseleng.
Maikaelelo a akaretsa dikgang tse di latelang:
-
Go laola seemo sa molato
-
Go tshaba molato
-
Go thibela/kganela molato
-
Tsamaiso ya tshiamiso ya molato.
-
Taolo ya tsa mesepele
-
Go tsamaya o lekola seemo mo go kwa godimo
-
Go tsibogela se se batlwang ke batho
-
Go laola tshenyegelo/segajaja
-
Tshwanologo ya tiro ya setlhopha se se botlhokwa se se thusang
-
Go babalesega ga barena ba puso.