Republic of Botswana
Government portal
Kopo tletla ya dipatlisiso
Kopo tletla ya dipatlisiso

Go tshwanetse ga romelwa dikopo teseletso ya go dira dipatlisiso di le pedi kwa lephateng le le amegang( o ka bona temotshi 1, e e buang ka ditiro tsa maphata ka go farologana) bogolo kgwedi tse pedi pele ga dipatlisiso di ka simolola.difomo tsa ikopelo di ka bonwa mo mafelong a a latelang;

-          Maphata otlhe a ga goromente

-          Ko diofising tsa boemedi jwa mafatshe a sele

-          Ko lekalaneng la dipatlisiso ko mmadikolo

Sekai sa lekwalo la ikopelo se supilwe mo temotshi 2. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore maphata ka go farologana ba ka nna ba  nna le makwalo a ikopelo le tse dingwe tse ba ka di tlhokang e le maphata.

Difomo tse di tladitsweng di tshwanetse tsa tlisiwa di na le tse di latelang;

a) lekwalo le le rurifatsang go tswa mo mothong kgotsa mo lekalaneng le le tlaabong le thusa dipatlisiso ka madi. Fa moikopedi a se ka fa tlase ga lekalana lepe, lekwalo leo la go rurifatsa le ka tswa mo go maitsaanape mongwe go emela le go rurifatsa gore dipatlisiso di tla ikamanya le ditaelo tse e di beileng pele.

b) lekwalo le le tletseng la itshupo la moikopedi le la mongwe yo o nnang mo Botswana yo o tla a bong a amega mo dipatlisisong ( go akarediwe le tsa makwalo a mesepele).

Print
Close