Republic of Botswana
Government portal
Ditselana Tsa Go Dira Boikuelo Jwa Thotoetso
Background

Ofisi ya ga tautona e kwadisitse palo e e golelang pele ya dingongorego go tswa mo baithuting kgatlhanong le lephata la phatalatso ya baithuti le tlhokomelo mabapi le go ba ganna ka thotoetso.Tse di latelang ke dikgato tse moithuti a ka di tsayang mabapi le go kgaphelwa ntle ga kopo ya gagwe.

Boleng jwa ikuelo

Moithuti o ka ya kana a kwalela kwa ofisi ya ga tautona a ngongorega ka tse;
• Palo ya maduo a gagwe e ko tlase ga sekale sa tekanyetso
• Setankana kgotsa ithutontsho ga e a rebolwa semolao ke ba ithutelo ditiro kgotsa ke BOTA
• Moithuti a feditse  selekanyetso sa thotoetso mme a ise a digele dthuto.
• Go fetola dikolo kana ithutontso/dithuto
• Go ituelela sephato sa ntlha sap aka ya thuto

Lephata la phatalatso ya baithuti le tlhokomelo le na le ditselana tsa tsamaiso e e laolang thotoetso. Ditselana tse dif a baithuti kitso  ka ga gore go abelwa mang, mehuta ya thotoetso , tsamaiso ya ikopelo le tsedingwe fela jalo. Baihuti le batsadi ba kgotlhadiwa go kopa melawana e ko lehapheng. Mo go dimo ga tseo go na le foromo ya tsa kadimo e e tlhalosang ka botlalo mabaka a thotoetso le tse e ka nnang ditamorago fa tsamaiso e e tlolwa.

Tsamaiso ya Boikuelo

a) Moithuti kgotsa motsadi yo o eletsang go dira boikuelo kgatlhanong le modiri wa lefapha o ka tlhamalaletsa boikuelo jwa gagwe kwa go mookamela lefapha la phatalatso ya baithuti le tlhokomelo

Go kwalelwa go;

Mookamedi wa lefapha

Lephata la thuto le tlhabololo dikitso

p/ Bag 0079

Gaborone

Mogala: 3655900

Fax: 3912891

 

b) Moithuti kgotsa motsadi yo o eletsang go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya ga mookamela lefapha la phatlhalatso ya baithuti  o ka kwalela mokwaledi mogolo wa lephata la thuto.

Go kwalelwa ko go:

Mokwaledi mogolo

Lephata la thuto

P/Bag 005

Gaborone

Mogala:3655400

Fax: 3655458

c) Boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya mokwaledi mogolo bo ka isiwa kwa go tona ya thuto le tlhabololo diketso.

Go kwalelwa go:

Motlotlegi tona

Lephata la thuto

P/Bag 05

Gaborone

Mogala :3655400

Fax :3655458

 

Tsibogo: mokwaledi yo o faphegileng wa ga tona.

Setshaba se rotloediwa go latela tsela e ya puisanyo ya lephata la thuto. Ofisi ya ga motlotlegi mothusa Tautona e tlaa reetsa fela boikuelo jo bo fetileng kwa go tona ya thuto 

Print
Close