Republic of Botswana
Government portal
Dingongorego Tsa Kabo Ya Lefatshe Le Dikgang
Ditsha Tse Di Segilweng

Tse ke tse gantsi e leng tsa bonno, tse batho ba di kopang mo ditoropong gona le kwa magaeng. Dingongorego bontsi ke tsa go diega go aba lefatshe, go diega ga lenaneo la ba o ba letletseng.

Tsela Ya Go Ngongorega

a) Ikopanye le ba baa bang lefatshe la morafe kwa bodireding jwa ditsha le matlo

Aterese ya poso

State Land allocation office

Private Bag 00128

Gaborone

Mogala 3682100

b) Fa o sa kgotsofala ka tirelo kana tsibogo ikopanye le “ principal land officer” teng mo bodireding jo.

Aterese ya poso

State Land allocation office

Private bag 00128

Gaborone

Mogala 3682100

c) Fa moikuedi a kgopilwe ke ditshwetso tsa ga “ Principal Lands Officer” o ka ikuela kwa go mookamedi mo lephateng la ditsha. Aterese e tshwana le e e fa godimo.

d) Fa moikuedi a kgopilwe ke ditshwetso tsa ga mookamedi o ka ikuela kwa go tona wa Ditsha le Matlo.

Aterese ya poso ke

Lephata La Ditsha le Matlo

Private Bag 0034

Gaborone

Mogala: 3904826 kgotsa 3204223

e) Moikopedi morago ga dikgato tse, o gololesegile go isa bodiredi jwa Ditsha le matlo kwa dikgotla tshekelo tsa molao.

Ditsha Tsa Dikgwebo

Bodiredi jwa ditsha le matlo gabo sa tlhole bo dira lenaneo la tetlelo mo ditoropong. Fa ditsha di le teng go a anamisiwa ke ba lephata la ditsha gore ba ba nang le kgatlhego ba ikopele ka mokwalo.

Fa lephata le sena go sekaseka dikopo, molaetsa o isiwa kwa go ba ba atlegileng.

Kitso ka tsela ya go ikopela ditsha tse e bonwa kwa:

Principal Lands Officer

P/ Bag 00128

Gaborone

Mogala: 3682167

Boikuelo Kgatlhanong Le Ba Kabo Ditsha

Kabo ditsha e na le boikarabelo jwa go aba ditsha tsa bonno, dikgwebo, dikgwebo tse di modumo le tsa dikgwebo tse di sa direng dipoelo tsa morafe kwa magaeng le metse ya teng teng. Boikuelo jwa morafe gantsi ke ka tiego ya kabo ya ditsha le ditshwetso tsa kabo ditsha

Tsela Ya Go Ikuela, Ka Ga Dipeo Tse Di Diegang

a) baikuedi ka ga dipeo tse di diegang ba ka ikuela kwa lephateng la kabo Ditsha mo bodireding jwa Ditsha le matlo

Aterese ya poso

Mookamedi

Lephata La Bodiredi jwa Kabo Ditsha

P/Bag 0044, Gaborone

Mogala: 3615300

Fax: 3905103

b) Fa ditirelo tsa kabo Ditsha di sa kgotsofatsa moikopedi o ka ikuela ka tlhamalalo kwa go tona wa Ditsha le matlo.

Aterese ya poso

Tona wa tsa Ditsha le matlo

P/Bag 00343

Gaborone

Mogala: 3904826 kgotsa 3904223

C) Ka tswee-tswee lemoga gore kgotla ya ditsheko tsa lefatshe ga e duedise ope yo o ikuelang kgotsa a kopa thuso

d) Fa kgotla ya ditsheko tsa lefatshe e sa go kgotsofatse boikuelo jaanong bo isiwa kwa kgotla kgolo ya ditsheko.

 

Appealing Against a Decision Taken by the Land Board

 

·         If it is the Sub-Land Board that has taken a decision then the applicant can appeal to the Main Land Board in the district

·         If the Main Land Board does not satisfy the applicant then the next level is to go to The Lands Tribunal.

Postal   Address:

The President of the Lands Tribunal

Private Bag 00211,

Gaborone

Tel: 3903388 Fax: 3904711

 

Palapye Office:

P.O. Box 10318

Palapye.

Tel: 4920263/5

Fax: 4920262

 

·         Please note that the Lands Tribunal does not impose any charges on those appealing for assistance.

·         The next authority to appeal to if the Lands Tribunal’s decision is not acceptable to the appellant is the High Court.

Print
Close