Mo tshimologong ya borukutlhi jwa madi, serukutlhi se tlisa dipoelo tsa yone tse di seng kafa molaong mo go tsa merero ya madi. Go ka dirwa jalo ka go kgaoganya madi a dipalo tse di tona o a dira ka dipalo tse di kwa tlase kgotsa tse dinnye a bo a tsenngwa mo letloleng la dipolokelo, kgotsa ka go reka dingwe didirisiwa tsa poloko ya madi jaaka di cheque,le money orders tse e a reng go tswa foo di tsewe di tsenngwe mo dipolokelong kwa dikgaolong /mafatshe a sele.
Fa madi a sena go tsena mo tsamaisong ya madi, go tsena kgato e e latelang. Mo legatong le serukutlhi se fetola madi sea baya ka ditsela tse di farologaneng gore ba seka ba amanngwa gope le ko madi a a tswang teng. Madi a ka fetolwa ka go beeletsa kana serukutlhi se ka tsenya madi mo dipolokelong tse dintsintsi lefatshe ka bophara.Go dirisa dipolokelo tsedi farologaneng go tlwaelesegile thata mo dikgaolong/maphata a a sa dirisaneng le maphata a dipatlisiso tsa twantsho borukutlhi jwa madi. Ka dinako tse dingwe serukutlhi se ka fitlha madi ka go duela ditirelo mme e nne jaaka e kare ga gona boferefere.
Fa legato le la bobedi le atlegile serukutlhi se tsena mo legatong la boraro, le mogo lone madi jaanong a tsenang mo itsholelong ka fa molaong. Serukutlhi seka itlhophela go a beeletsa mogo tsa ditsha le matlo, dithoto tsa manobonobo kgotsa mo kgwebong.