Se ke thulaganyo ya go utswa madi ka boferefere o a dira jaaka e kare o a tsere ka tsela e e tlhamaletseng,le go timetsa motlhala wa gore madi ke a bogodu gore madi a a kgone go dirisiwa mo isagong jaaka madi aa phepa.
Go tsaya madi ka boferefere o bo o dira jaaka e kare ga se gone bo simolotse go nna borukutlhi go gaketse thata go tswa ka ngwaga wa 1980 fa go ne go utsuwa diritibatsi,go simolola nako eo,go lwantsha borukuthi jwa madi ke kgang e e tshwenyang ebile e e tlhwaaafaletsweng ka go fiwa maemo a ntlha lefatshe ka bophara,jaaka lefatshe le bona ditlamorago tse di masisi tse di amang seriti le tsamaiso ya madi,maiteko a twantsho borukutlhi, go gola le go tlhabologa ga bo itsholelo.
Borukutlhi jwa madi bo ama mafatshe otlhe,a a tlhabologileng le a a tlhabologang ebile di nale ditamorago tse di bayang go gola le go tlhabologa ga itsholelo mo mosing.