• Dipatlisiso: Maikaelelo ke go batlisisa dipelaelo tsa tshenyetso setšhaba le kgopelo itsholelo le borukutlhi jwa madi. Fa bosupi jo bo bonweng mo dipatlisisong bo supa molato, kgetse e neelwa mookamedi mogolo wa bosekisi wa setšhaba go e sekaseka lego sekisa.
• Thibelo Borukutlhi: Tiro ya lekalana le ke go sekaseka tsamaiso mo pusong le maphata aa ikemetseng ka nosi go batla diphatlha tse di rotloetsang borukutlhi. Se se dirwa ka go dira dipatlisiso tse ereng di fetswa dikgatelo pele di neelwe ba ba amegang.
• Thuto Setšhaba: Lekalana le le rutang setšhaba ka borukhuthi le ngoka le kemo nokeng ya setšhaba. Setšhaba se kgaogantswe goya ka ditlhopha di le tharo le mananeo aa farologanyeng tse di diretsweng setlhopha sengwe le sengwe. Thuto setšhaba e ka nna teng fa go kopilwe gofa thuto mo maphateng a puso le makalana. Dipuisanya le ditshupo gantsi di dirwa ngwaga le ngwaga.
Go nale metlhale e mentsi ya go bega tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo ko DCEC. O ka itshwaraganya le mafelo aa latelang. Gape oka tlatsa diform fao dira pego.