Ofisi ya ga tautona e kwadisitse palo e e golelang pele ya dingongorego go tswa mo baithuting kgatlhanong le lephata la phatalatso ya baithuti le tlhokomelo mabapi le go ba ganna ka thotoetso.Tse di latelang ke dikgato tse moithuti a ka di tsayang mabapi le go kgaphelwa ntle ga kopo ya gagwe.
Moithuti o ka ya kana a kwalela kwa ofisi ya ga tautona a ngongorega ka tse;• Palo ya maduo a gagwe e ko tlase ga sekale sa tekanyetso• Setankana kgotsa ithutontsho ga e a rebolwa semolao ke ba ithutelo ditiro kgotsa ke BOTA• Moithuti a feditse selekanyetso sa thotoetso mme a ise a digele dthuto.• Go fetola dikolo kana ithutontso/dithuto• Go ituelela sephato sa ntlha sap aka ya thuto
Lephata la phatalatso ya baithuti le tlhokomelo le na le ditselana tsa tsamaiso e e laolang thotoetso. Ditselana tse dif a baithuti kitso ka ga gore go abelwa mang, mehuta ya thotoetso , tsamaiso ya ikopelo le tsedingwe fela jalo. Baihuti le batsadi ba kgotlhadiwa go kopa melawana e ko lehapheng. Mo go dimo ga tseo go na le foromo ya tsa kadimo e e tlhalosang ka botlalo mabaka a thotoetso le tse e ka nnang ditamorago fa tsamaiso e e tlolwa.
a) Moithuti kgotsa motsadi yo o eletsang go dira boikuelo kgatlhanong le modiri wa lefapha o ka tlhamalaletsa boikuelo jwa gagwe kwa go mookamela lefapha la phatalatso ya baithuti le tlhokomelo
Go kwalelwa go;
Mookamedi wa lefapha
Lephata la thuto le tlhabololo dikitso
p/ Bag 0079
Gaborone
Mogala: 3655900
Fax: 3912891
b) Moithuti kgotsa motsadi yo o eletsang go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya ga mookamela lefapha la phatlhalatso ya baithuti o ka kwalela mokwaledi mogolo wa lephata la thuto.
Go kwalelwa ko go:
Mokwaledi mogolo
Lephata la thuto
P/Bag 005
Mogala:3655400
Fax: 3655458
c) Boikuelo kgatlhanong le tshwetso ya mokwaledi mogolo bo ka isiwa kwa go tona ya thuto le tlhabololo diketso.
Go kwalelwa go:
Motlotlegi tona
P/Bag 05
Mogala :3655400
Fax :3655458
Tsibogo: mokwaledi yo o faphegileng wa ga tona.
Setshaba se rotloediwa go latela tsela e ya puisanyo ya lephata la thuto. Ofisi ya ga motlotlegi mothusa Tautona e tlaa reetsa fela boikuelo jo bo fetileng kwa go tona ya thuto