DITSHETLANA TSA GO IKUELA KGATLHANONG LE DITSHWETSO TSA BODIREDI JWA PENSION FUND,INSURANCE COMPANIES LE NON BANKING FINCIAL INSTITUTIONS
Boikuelo kana dingongorego kgatlhanong le maphata a batho ba a ikuelelang kwa Ofising ya ga tautona a ka gobokiwa jaana:
- Dingongorego ka tsela e boswa jwa mongwe wa losika bo abilweng ka teng. Mo go tlisetseng dikgetlhang. Bangongoregi ba tla kwa Ofising ya ga tautona go kopa gore dikatlholo di busediwe kwa morago ke makgotla ao.
- Dikopo gore Ofisi ya ga tautona e laele BPOPF go golola nadi a pension mo go ba ba tlogetseng ditiro mme ba ise ba fitlhe mo dingwgeng tse di letelelwang.
O KA IKUELA KAE; JANG
Ba o ba lebaganeng go ikuela mo go bone ka mokwalo;
Aterese :
CEO
Non Bank Financial Institution Authority
P/Bag 00314
Gabs Mogala: 3102595/Fax :3102376
Physical Address:
Non-Bank Financial Institutions Authority
First floor MVA House
Plot 58637 Gaborone
Ba ba nang le dingongorego ba solofelwa go tlisa mekwalo, yotlhe e e ka thusang borara go batlisisa dikgang tsa bone. Borara bo fetola dingongorego tsotlhe tse di dirilweng ka mokwalo.
Fa baikuedi bas a kgotsofale ka ditshwetso tsa NBFIA ba ka ikuela ka mokwalo kwa go modiredi wa tsa madi le ditlogamaaano.
Aterese
The Minister of Finance and Development Planning
Ministry of Finance and Development Planning
Private Bag 008
Gaborone Tel:3950100
Physical Address:
Ministry of Finance & Development Planning
Block 25 State Drive
Government Enclave
Khama Crescent
Gaborone
DINGONGOREGO KGATLHANONG LE LETLOTLO LA DIKOTSI (MVAF)
Dingongorego tse di amogelwang kwa Ofising ya ga mothusa tautona ke tse di latelang;
1. Batho ba bas a ioegang kwa MVA mo dingwageng tse tlhano morago ga go kopana le kotsi.
2. Batho ba ba atswitsweng ke MVA mme ba lemoga fa dikgobalo tsa bone tse di tsamayang di tsoga di sa lekanngwa le madi a a ntshitsweng,jalo ba kopa MVA a ntshe a mangwe.
KWA BOIKUELO BO ISIWANG TENG
Boikuelo botlhe bo tshwanetse go lebaganngwa ba lephata la bareki kwa MVA ka mokwalo. Ba dikgetsi tseo ba tshwanetse go kwala makwalo ba bega ka botlalo le go isa mekwalo e e ka thusang jaaka wa dipatlela,sesupo sa go latlhegelwa ke dituelo le tse di supang madi a a duetseng kalafi. Mekwalo e ka romelwa kwa ;
Aterese
The Customer Services Manager
Motor Vehicle Accident Fund
P/Bag 00438
Gaborone
Tel:3188533 kana 3600100
Physical Address
Motor Vehicle Accident Fund
First Floor MVA House
Plot 50637
Gaborone
Boikuelo bo bo tla a bewa fa pele ga bakanoki ba letlole mme baikuedi ka ditshwetso ka mokwalo.
Fa mongwe a sa kgotsofalela ditshwetso tsa MVA mme a batla go dira boikuelo gape o ka kwalela kwa bodireding jwa madi le ditogamaano kwa atereseng e e neetsweng pele.
Go tshwanetse ga tlhatswega mo go botlhe gore ka fa molaong wa MVAF Act wa 2007 tshwanelo ya go bona dikatso go tswa mo letloleng e tlolwa ke nako fa go ipega go sa diriwe mo dingwageng tse tlhano. Dingwaga tse tlhano di balwa go simolola ka letsatsi la tirafalo ya kotsi.