-
Kgetsi e tshwanetse go itsisiwe mmereki, mme bobedi bo bo amegang bo leka go rarabolola kgang.
-
Fa motlhapi (kana mongwe) a sa kgotsofale ba tshwanetse go bega kwa ofising e e gaufi y a Dietrict Labour Office.
-
Fa kgetsi e amana le go fedisa tumelano ya tiro,kgetsi e begwa kwa ofising ya Pereko mo malatsing a a masome a mararo go tswa mo letsatsing la la go fedisa tiro.
-
Fa moikuedi kwa District Labour Office a lemoga go sokilwe dirope o ka bega kwa go commissioner wa Labour and Social Security mo nomoreng ya 3611500 kgotsa a kwalela kwa P/Bag 0072,Gaborone.
-
Fa lephata la Labour and Social Security le sa kgone go fetsa kgotlhang moikuedi o ka ya kwa kgotleng ya Industrial.
-
Kgaolo 25(2) ya molao wa Trade Disputes Act e tlhalosa gore kgotla ya Industrial Court boleng jwa dikatlholo tsa yone bo lekana le jwa kgotla kgolo “High Court” mme ba bas a kgotsofaleleng katlholo tsa yone ba ka bega kwa kgotleng ya boikuelo (Court of appeal)
-
Mo dikgetsing tse di amanang le puseletso dituelo (workers compensation) leletsa nomore ya 3611546 kgotsa 3611500
-
Mo dikgetsing tse di tlhokang tlhatlhobo ya tsa pereko (labour Inspection) leletsa nomore ya 3611549 kgotsa 3611500.
-
Babereki ba gakololwa go ithulaganya mo ba kgonang go bua le batlhapi go ka e seng jalo go ka padisa dikgang tsa maemo a bodiredi jwa bone.