Molawana wa tsa mesepele o pateletsa gore baikopedi botlhe, kwa ntle ga Batswana, go nna le tetla ya nakwana ya go nna mono pele ga ba goroga mono. Ga go ka fa tsamaisong gore baeti ba fetolele tetla ya bone ya go eta go e dira tetlelelo ya nakwana ya go nna mo Botswana fa ba etetse mono. Baikopedi ba ba kwa ntle ga Botswana, ba tshwanelwa ke go isa dikopo tsa bone kwa baemeding ba lefatshe la Botswana mo mafatsheng a ba kopang ba le mo go one. Fa e le gore ga gona diofisi tsa baemedi ba Botswana koo, ba ka romela dikopo tsa bone kwa go
The Chief Immigration Officer
P O Box 942
Gaborone
Botswana
Mogala: +267 3611 300
Fax: +267 3952 996
Go tshwanetse ga pataganngwa sesupo sa tumalano go tswa mo lephateng le le lebaneng le kopo ya tetla ya go nna mo lefatsheng.