Local time: Labobedi, 13 Phatwe 2013 04:45:13hrs
I am looking for: 

Ofisi ya ga Tautona (OP)
0
1
2
3
4
5
Tse di tlhokiwang mo Botswana
Tse di tlhokiwang mo Botswana

4.1 lekalana le le lebaneng le na le tshwanelo ya go kopa mongwe kana bangwe go nna karolo ya setlhopha se se dirang patlisiso maikaelelo a gore go nne le seele se se boleng go tswa mo gae.

4.2 fa mmatlisisi a na le keletso ya go kopa lekalana lengwe, gongwe jaaka la mmadikolo (UB), boikopedi joo bo tshwanetse jwa romelwa ka tlhamalalo kwa lekalaneng le le lebaneng. Ka tlwaelo, ditshenyegelo tse di ka nnang teng, di dumalanwa ke moikopedi le lekalana le a ikopelang mo go lone.

4.3 Tlhokomelo – lekalana le le lebaneng le na le tshwanelo ya go tlhokomela ka fa tiro ya go batlisisa  e tsamayang ka teng, go netefatsa gore tiro e dirwa go itebagantswe le se se dumalanweng mo tetleng ya go dira dipatlisiso.fa go na le diphapang mo go tse di dumalanweng, go ka nna ga boelwa morago tetla ya patlisiso. Fa go na le ditshenyegelo ka mabaka a poelo morago, ditshenyegelo di duelwa ke ene yo o neng a ikopetse go dira dipatlisiso.

4.4 Pego ka tswelelopele

Pego ka tswelelopele e e tlaa bong e akaretsa ditlhaloso, le se se bonweng mo dipatlisisong, di tshwanetse go isiwa kwa lekalaneng le le lebaneng, ka dinako tse di tla a bong di boletswe mo tetleng ya go dira dipatlisiso.

4.5 Go tlisiwa ga pego ya tshimogolo

Mmatlisisi o tshwanetse go tlisa pego ya tshimologo ( e e kwadilweng mo pampiring le ya khomputara) kwa lephateng le le mo fileng tetla ya go batlisisa. Fa go tlhokega, mmatlisisi o ka nna a kopiwa go fa pego ya tse a di itemogetseng fa a dira dipatlisiso mo thuto seka dipuisanyong kana a fa ba dipampiri tsa mo gae go anamisa dipatlisiso tseo.

4.6 Go tlisa pego e e feletseng

Babatlisisi ba tshwanelwa ke go isa dipego tsa bone jaana: kwa lephateng le le mo fileng teseletso, polokelo ya kitso ya setšhaba, mo lekalaneng la dipatlisiso le ditlhabololo la mmadikolo, kwa motlobong wa setšhaba le lekalana le le ikwadisitseng mo Botswana kgwedi tse pedi morago ga go dira pego ya bofelo.

5. Melawana e e faphegileng

Mo godimo ga melawana e e filweng e, maphata a a farologaneng a ka nna le melawana ya one e e itebagantseng le one makalana ao. Ka jalo go botlhokwa gore babatlisisi ba nne le melawana e fa ba ya  go dira kakanyetso kopo ya dipatlisisao.  

Printable version
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.