Ofisi ya ga Tautona (OP)
0
1
2
3
4
5
Matseno
Matseno

Botswana ke lefatshe le le letlelelang diphati tsa sepolotiki tse dintsi, le le ikemiseditseng gore go nne le kgololesego ya go bua le go buisana. Tšhaba e, e agetswe mo matshegong a puso ya batho ka batho, tswelelopele, boipelego le popagano, a e leng maikaelelo a one ke gore go nne le kgololesego ya batho, e e tla  a kgonang go rotloetsa maikaelelo a tswelelopele a le mane a a tla bolelwang.

Kgolo ya itsholelo, ditshwanelo tsa setho, itsholelo e e gololesegileng le ditlhabologo tse di itshetletseng. 

Botswana o dumela gore puso ya batho ka batho e ka tlhalosiwa ka tsela e e bulegileng ya dipatlisiso. Dipatlisiso tse di ntseng jalo, di ka amanngwa le ditlhabololo, e bo gape e ka godisiwa ke tirisanyo mmogo magareng ga ba ba batlisisang le goromente. Godimo ga moo, goromente o ikamanya thata le letshego la boipelego go leka go nna le dipatlisiso tsa boleng

Dipatlisiso mo Botswana di ikaegile ka molawana wa tse di kwadilweng kana tse di leng teng di bolokilwe. Dipatlisiso tsa ditlhabololo di fiwa maemo a ntlha, ka maikaelelo a go nonotsha kitso mo dithutong tse di farologanyeng. Dipatlisiso  tsa borutegi kana tsa dithuto dingwe le tsa go batla go kwala di letlelelwa fa go kgonagalang teng.

Botswana o itlhophetse molawana wa dipatlisiso tse di gololesegileng, gape go rotloediwa mo Botswana. Le fa go ntse jalo lefatshe le, le na le palo potlana ya batho e e ikadileng le lefatshe ka kakaretso, se se ka dira gore le nne mo diphatseng tsa gore go bo go ka dirwa dipatlisiso tse di feteletseng mo mafelong mangwe. Ka mabaka a, baikopedi botlhe bat la lebanwa ke go kanokiwa ka kelotlhoko pele ga ba ka letlelelwa go dira dipatlisiso. Go botlhokwa thata gore boikopedi jwa dipatlisiso bo ele tlhoko thata boleng jwa batho, bajaboswa le tolamo go ikamantswe le bokaedi jwa boditšhabatšhaba mo matshegong a setho le go sireletsa bao ba ba ka amiwang ke dipatlisiso. Maemo a ntlha mo dipatlisisong a tla fiwa madirelo kana makalana a mo gae, gape go lebelelwa gore a ke dipatlisiso tse di ka tswelang setšhaba sotlhe mosola.

Go rotloediwa thata gore dipatlisiso di ka dirwa mo mafelong adipopego dingwe gape go batlisisiwa ka dithuto tse e leng gore ga go ise go batlisisiwe thata ka tsone, gape e tshwanetse ya nna patlisiso ya boleng jo bo rileng go sologela lefatshe mosola. Le gontse jalo, tetla ya dipatlisiso e fiwa go lebilwe dithutego, ba ema nokeng, dithuso tsa madi go tswa mo makalaneng go rotloetsa patlisiso le gore kopo patlisiso e utlwala go le kana kang.

Ka jalo go elwe tlhoko gore ga se kopo nngwe le nngwe, le fa e le e e itshetletseng, e tla amogelesegang.

Ba ba ka nnang ba batlisisa ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ke eng go tsenngwa leitlho le le ntshotsho go netefatsa tshireletso, ba bo ba ka ikgethela go dumalana le se se bolelwang ke mokwalo o wa ditselana tsa go ikopela tetla ya go dira dipatlisiso.

Go tshwanetse ga gatelelwa gore le fa madi a setse a bonwe le ditumalano ka bontsi di setse di dirilwe le lephata le le lebaneng, mo Botswana, go fiwaa tetla ga go reye gore go tla latela fela jalo.

Printable version
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.