Mothusa tautona wa lefatshe la Botswana, Motlotlegi Lt. Gen. Mompati sebogodi Merafhe ke mang?
Morago ga katlego e kgolo e le lepodisi, Motlotlegi Lt. Gen. Mompati Merafhe o ne a tswelela go nna mookamedi wa ntlha wa sesole sa Botswana fa se tlhomiwa ka 1977. Fa a tlogela tiro ka bogodi ka 1989, o ne a dirwa mopalamente yo o itlhophetsweng ke puso mme a dirwa tona ya merero ya ga tautona le bodirelapuso, maemo a a ntseng mo go one go fitlha ka1994 fa a ne a hudusediwa kwa lephateng la merero ya mafatshe a sele jaaka tona. Godimo ga manontlhotlho a a dirileng tiro ka one e le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, kwa a neng a ntse a tlhophiwa fa e sale 1994, Rre Merafhe o supile bokgoni jo bogolo e le tona ya mafatshe a sele.
O itsege thata mo mafatsheng a mangwe jaaka motho yo o tlhotlhw, ka megopolo e e edileng. O dirile bontle jo bogolo go buelela dikeletso tsa lefatshe leno le tsa kgaolo e e ka kwano mo diphuthegong tse di farologaneng.
O tlhomilwe mothusa tautona wa Botswana kaMoranang 1 2008.
Ke sethakga mo tsamaisong ya tsa metshamek, tse a di dirang ka lorato, e bile o kile a nna modulasetilo wa lekgotla la metshameko la Botswana National sports Council ka 1980-89)a nna modulasetilo wa Botswana National Olympic Committee (1980-89), a nna moeteledipele wa lekgotla la mabelo(BAA) (1978-80). Ke morotloetsi wa mekgatlho e le mmalw jaaka: mokgatlho wa sesole wa bolo ya sephailane, setlhopha sa kgwele ya dinao sa BDF 1X, khwaere ya Gaborone Choral, Bamalete Lutheran Hospital Hospice le Tshole Trust.