Ditiro tsotlhe tsa botsamaisi tsa kantoro ya ga tautona di dirwa ka fa tlase ga tlhokomelo ya ga mokwaledi mogolo wa ga tautona, yo e leng mokwaledi wa khuduthamaga ya palamente, mokwaledi wa ga tautona gape ke tlhogo ya babereki ba sechaba. Ditiro tse di akaretsa dintlha tse tharo jaaka di tlhalosiwa mo kgaolo 46 le 52 tsa molao motheo wa Botswana o tlhalosa thata ka tsa molao wa lefatshe mme molao wa tsa babereki o tlhalosa ka tsamaiso.
DITIRO TSE DI FAPHEGILENG TSA MOKWALEDI MOGOLO WA GA TAUTONA DI TLHALOSIWA KA FA TLASE GA MAKALANA
1) Mokwaledi wa khuduthamaga ya palamente.
Jaaka mokwaledi mogolo wa khuduthamaga, mokwaledi wa ga tautona o itebagantse le kantoro ya khuduthamaga ya palamente jaaka a kaelwa ke tautona:
- go rulaganya tiro ya khuduthamaga
- go boloka metsotso ya bokopano ba khuduthamaga
- go romela ditshwetso tsa khuduthamaga
- go dira dithomo tse dingwe jaaka tautona a ka mo laela
2) mokwaledi mogolo wa ga tautona
Mokwaledi mogolo ke ene tlhogo ya kantoro ya ga tautona le mogakolodi wa ga tautona.
3) MOETELEDI WA BABEREKI BA SECHABA
Jaaka tlhogo ya babereki ba sechaba, mokwaledi mogolo o itebagantse le tsamaiso ya bodiredi jo go ya ka kgaolo ya molao wa babereki ba sechaba. Mme o dira tse di latelang;
- o laola boitshwaro ja babereki
- o tlhokometse seemo sa bodiredi sa babereki ba sechaba
- o ka dira gape nako nngwe le nngwe tiro e e dirwang ke mmereki yo o amogelang mo seelong sa D1 go ya kwa godimo
- o laola bakwaledi bagolo ba bodiredi ba puso ka fa go tsa tsamiso.
Mo go direng ditiro tse, mokwaledi mogolo o sala morago lokwalo la lentswela babereki ba sechaba e e tlhalosang ditshetla tsa babereki go diragatsa maitamo a a balegang jaana;
Babereki ba sechaba sa Botswana ba ithoma ga neela ditirelo tse di faphegileng di sa turele bareki le bana-le-seabe ka go dira le go tsamaisa mananeo a puso. Badiri ba sechaba ba tla a dira dithulaganyo tsa go dira ka bonatla; go neela ditirelo tse di ntseng di tlhaela sechaba. Gape ba tla a dira moya o o edileng mo mafelong a bodiredi go neela ditirelo tsa tlhwatlhwa.
Go neela ditirelo go tla a dirwa ka lorato mo pontsheng, ntle le letlhakore la sepolotiki, ka boikanyo, matlhagatlhaga le boikarabelo mmogo le batsaya karolo.
Bodiredi jwa sechaba bo tla a nna le ngwao ya tshegetso e e itebagantseng le moreki le bana-le-seabe; mokgwa o o lebogang yo o dirang ka bonatla le go rutuntsha botlhe fela. Mokgwa o o tla a dirisa le metlhale ya dikitso ya sesha,
Mokwaledi mogolo o eteletse badiri ba sechaba go fitlhelela Tebelopele e e reng; “Re le babereki ba sechaba sa Botswana, re tla a neela ditirelo tse di faphegileng tsa maemo a ntlha ka lorato le go tsibogela dikgwetlho tsa mo gae le kwa ntle”.
Tebelopele e e gata kgato le ya tebelopele ya 2016 ya lefatshe la Botswana le ya “Millenium Development Goals” go tsenya moko mo go diragetseng dithulaganyo tsa sechaba go tshegetsa ditlhabololo.