Botswana o santse a se na lekgotla la ditshwanelo tsa setho. Maiteko a tsweletse go bona gore le a dirwa. Khuduthamaga e setse e dirile maiteko a a tlaa sekasekwang kla yone kgang e. fa le tlhamilwe lekgotla le tlaa itebaganya le dikgang tse:
· Tlhomamisa gore ditshwanelo tsa setho di salwa morago jaaka e le tshwanelo ka tsela ya teng
· Go dira pego ya Botswana le go e isa kwa e batlegang teng jaaka go batlega
· Itebaganya le dikgang tsa go tsenya ditshwanelo tsa setho gore di tsamaelane le tsa lefatshe
· Go ruta setšhaba ka dikgang tsa ditshwanelo tsa setho
· Go reetsa le go rarabolola dilelo tsa batho ba ba bonang gore ditshwanelo tsa bone di gatakilwe ka tsela nngwe.