Ke Batho Ba Le Kae Ba Ba Nang Le Mogare Wa HIV, Ga Mmogo Le Bolwetsi Jwa Aids?
LEFATSHE KA BOPHARA: Ba lekgotla la dichaba ba ba itebagantseng le dipalo tsa bolwetse jwa AIDS (UNAIDS), ba bolela fa e rile ka Morule 2007, dipalo di bo di ntse jaana; Batho ba ka nna didikadike di le 33.2 ( 30.3 go ya kwa go 36.1 million), ba ne ba tshela ka bolwetse jwa AIDS. Ba ka nna didikadike di le 2.7 ( 2.2 go ya ko go 3.2 million), ba ile ba tsenwa ke mogare. Batho ba ka nna didikadike tse pedi ( 1.8 go ya kwa go 2.3 million), ba ne ba bolawa ke malwetse a a amanang le mogare wa HIV.
MAFATSHE A A MO BORWA JWA SEKAKA SA SAHARA: Kgaolo e e ka kwano, e nnile le seelo sa masome a mararo le bobedi mo lekgolong ya dikanamo tsotlhe tse disha, le dintsho tse di amanang le bolwetsi jwa AIDS, lefatshe ka bophara.. Mo mafatsheng a Botswana, Lesotho, Mozambique, Namibia, South Africa, Swaziland, Zambia le Zimbabwe, palo ya bagolo e e amanngwang le bolwetsi jwa HIV/AIDS, e ne e feta seelo sa lesome le botlhano mo lekgolong ka ngwaga wa 2007.
MO BOTSWANA: Dipalo tsa sechaba tsa kanamo ya mogare ke seelo sa lesome le bosupa mo lekgolong go ya ka tshekatsheko e e dirilweng ke ba kanamo ya mogare wa HIV (BAIS II, 2004), ya batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi, le go feta. Mo go bomme ba ba imileng, palo e e ne e le 33.4% ka ngwaga wa 2007, go ya ka ba Sentinel Surveillance. Go akanyediwa gore batho ba ka nna 330,000 bane ba tshela ka mogare wa HIV, ka ngwaga wa 2007, mme ga tlhokafala batho ba ka nna 8,185 ( 7,397 e le bagolo, bana ba le 788), ngwaga one oo. Palo yotlhe ya batho ba baneng ba tsaya diritibatsi tsa mogare gone ngwaga wa 2007 ke; 100,784 ( 94,533 e le bagolo, fa bana bone e ne e le 6,251).