Ke dife dilo tse ke sa tshwanelang go di dira fa ke na le mogare wa HIV?
• se ka wa kopanela didirisiwa tsa tlhakanelo dikobo – di itirisetse o le nosi
• se fapaanele mamao a diritibatsi – dirisa lenaneo la kamogano mamao fa le le teng. Fa o ikenta ka diritibatsi, kopa thuso. O ka lwantsha mogare sentle fa o sa je diritibatsi.
• se ka wa aba madi a mmele kana dirwe dipe tsa mmele
• se ka wa fapaanele le ope magare kgotsa borashe jwa meno – HIV e ka anamisiwa ke madi mo didirisiweng tseo.
A go na le kgakololo e e kgethegileng e e ka fiwang Bomme ba ba nang le mogare wa HIV?
Ee. Fa o le mme yo o tshelang ka mogare, o tshwanetse go rurufatsa gore ngaka ya gago e go tlhatlhobela malwetse a tlhakanelo dikobo le kankere ya popelo, gangwe o ngwageng. Pap smear ke tlhatlhobo e e dirwanggo tshwara kankere ya popelo.
Fa o le mme yo o tshelang ka mogare wa HIV o tshabelelwa ke go bona le maduo a a sa tlwaelesegang a pap smear. Mogare wa papilloma yo o bonwang mo bathong (HPV) o kgona go ama popelo ya motho wa mme. Mo go dirang gore maduo a seka a tswa sentle. Jaanong ngaka yam me, e bo e tshwanelwa ke go laola tlhatlhobo ee kgethegileng ya go batla mogare wa papilloma(HPV) e le bontlha bongwe ba tlhatlhobo fa maduo a tlhatlhobo pap smear a ntse a tswa a sa tlwaelesega, ngaka e tlaa tshwanelwa ke go dira tlhatlhobo gape kgotsa tlhatlhobotse dingwe. Fa o kile wa nna le maduo a tlhatlhobo ya pap smear aa sa tlwaelesegang, bolelela ngaka ya gago.
Fa ke ima?
Fa o ima, bua le ngaka ya gago go bona gore o ka go thusa jang wena le lesea la gago. Go tlaa re le gone o akanyetse lesea la gago ka gore fa gongwe o ka nna wa lwala.
Kalafi ya gago ya HIV ga e na go fetoga thata mo go e o ntseng o e bona o ise o ime, o tshwanetse go itlhatlhobela malwetse a dikobo mo seemong sa boimana mme ngaka o tlaa bona melemo e e go tshwanetseng. Buisanya le ene ka ditlamorago tsa go nwa melemo o imile.
Buisanya le mooki gore o ka thibela go fetisetsa mogare kwa leseeng la gago jang. Go botlhokwa fela thata gore o bone tlhokomelo e e maleba kwa tshimologong ya boimana jwa gago. Diphatsa tsa go ka fetisetsa mogare kwa leseeng la gago ka nako ya pelegi ke 25% mme di ARV di kgona go fokotsa diphatsa tse.
Le fa o imile jaana, o dirise dikhondomo dinako tsotlhe fa o tlhakanela dikobo go itsa go tsenwa ke mogare le go o anamisa. Le fa mokapelo wa gago a na le mogare wa HIV, a a tswelele ka go dirisa dikhondomo.
Morago ga go tshola, ngwana wa gago o tlaa tshwanelwa ke go tlhatlhobelwa mogare wa HIV le fa o ne o dirisa di ARV ka nako ya fa o itsholofetse. Ngwana wa gago go tlaa re a nwe melemo go itsa go tsenwa ke HIV le PCP. Buisanya le ngaka ya gago ka botsogo jwa ngwana. Ka gore HIV e kgona go anamisiwa ka mashi a lebele, o se ka wa amusa ngwana ka lebele.
Ke ka bona thuso kae go itebaganya le mogare wa HIV?
Fa o tshela ka mogare wa HIV, kana bolwetse jwa AIDS,o ka tlhokana le kemonokeng ka ditsela tse dintsi: ya bongaka, maikutlo, tlhaloganyo, le ya madi. Ngaka ya gago, ba kgaolo ya gago ba botsogo, ba maphata a tsa selegae, ba kgaolo ya gago ba makgotlana a bolwetse jwa AIDS, ba ka thusa go go batlela ditsela tsotlhe tsa thuso. Makgotla a a tshwanang le a Botswana National Service AIDS Organisation (BONASO), Botswana Network of People Living with HIV (BONEPWA), Botswana Network on Ethics, Law and AIDS (BONELA), le a mangwe, a tla a go fa thuso yotlhe e e tlhokafalang, le kgakololo.