Dikai
Go diragala eng fa motho a tsenwa ke mogare wa HIV?

Kwa tshimologong fa motho a tsenwa ke mogare wa HIV, o ka nna a se ka a nna le dikai dipe lebaka la dikgwedi di le mmalwa ka gore masole a mmele a a bo a ise a simolole go lwantsha mogare. Le fa go ntse jalo, fa mogare fela o tsena mo mmeleng ka tsela epe fela e jaanong re swetseng re e itse, masole a mmele (CD4) kana T4, a di goga kwa pele go o lwantsha. Fa masole a a ka amega, motho ga a na go kgona go lwantsha mogare jaanong.

Dikai tsa HIV/AIDS tse di itshupang moragonyana ke dife?

- Go latlhegelwa ke nonofo
- Go latlhegelwa ke mmele
- Go gotela le go fufula gangwe le gape
- Lefulonyana le le tswang mo molomong fa gongwe le tsamaelana le kgokgotšho e e kgobogileng
- Dinthonyana fa bosading
- Dinthonyana tse di tswang gangwe le gape fa bonneng
- Letsapa le le feteletseng le le ka tlang le tlhogo e e opang kgotsa sedidi
- Go latlhegelwa ke nama mo go sa bakweng ke go itima dijo kgotsa itshdilo
-  Go tshabelelwa ke go ruruganyana
-  Letshololo le le sa emeng
-  Go ruruga ka fa tlase ga magwagga, kgokgotšho
-  Sehuba se se omeletseng se sa eme, sa mongannganyego
- Go hupelwa
- Disonyana kgotsa leswenyasna le le se nang mmala
- Go tswa madi mo go sa tlhaloganyesegeng
- Disonyana tse di ipoeletsang mo mmeleng
- Go latlhegelwa ke nonofo kgotsa go utlwa botlhoko mo diatleng le mo maotong
-  Go latlhegelwa ke kelelelo kgotsa tlhaloganyo
-  Bana ba ka gola ka bonya kana ba tshabelelwa ke malwetse. Batho ba ba nang le AIDS ba tshabelelwa ke kankiri.

 

Ke solofele eng fa ke ya kwa ngakeng?

Fa o ya la ntlha kwa ngakeng, e tlaa go botsa dipotso, e go tlhatlhoba, le go tsaya disampole mo go wena go dira ditlhatlhobo tse dingwe.

 Bolelela ngaka gotlhe ka botsogo jwa gago gore o tle o bone kalafi le kgakololo e e maleba. O botse dipotso dipe tse o ka tswang o na natso ka HIV/AIDS, jaaka gore:
- o direng fa melemo e go lwatsa
- o ka bona thuso kae go tlogela motsoko kgotsa diritibatsi
- o ka dira jang dijo tse di nang le dikota tse di lekanetseng
- ditsela tsa go fokotsa go anamisetsa HIV kwa mokapelong wa gago

Disampole tsa madi a gago di dirisediwa ditlhatlhobo di le dintsi, go balelwa le palo  ya di CD4 le boleng jwa mogare mo mading. Palo ya di CD4 e tlhalosa palo ya masole a mmele mo mading a gago. Fa o tsaya kalafi, palo ya di CD4 tsa gago e supa gore kalafi e bereka go le kae.  Fa e tsholetsega, go raya gore mmele wa gago o ka itwela. Tlhatlhobo ya mogare yone e tlhola gore madi a gago a na le mogare o o kae. Palo ya teng e thusa go akanyetsa gore go tlaa dirgala eng ka seemo sa mogare wa gago fa o sa tseye kalafi.

O nne o boela gape kwa ngakeng ya gago. Kwa bokopanong jwa lona le tlaa buisanya ka maduo a diteko tsa gago gongwe a go tlhophele molemo

Ke solefele go tsa nako e e ka eke dirisa diritibatsi tsa HAART?


Diribatsi tse, di dirisiwa botshelo jotlhe. Fa o simolotse go di dirisa sala melawana merago,jaaka go di nwa ka ditaelo, le go sala morago lenaneo la go fiwa thuso go bona ka fa kalafi e tsamayang ka teng.

Dikai tsa HIV/AIDS ke dife?

Go tlwaelesegile gore batho ba le bantsi ba se ke ba supa dikai dipe fa e le gone ba tsenwang ke HIV.  Le gale, batho bangwe ba tsenwa ke bolwetse jo e keteng flu mo dikgweding tsa ntlha tse tharo go ya kwa go tse thataro fa ba sena go amana le mogare. Se gantsi ke go nna teng ga HIV mme go ka supiwa gape ke kgotelo, go opa ga tlhog , letsapa, mhikela, letshololo le go ruruga fa melaleng, magwageng le fa kutung ya dirope. Ka nako e, mogare o a bo o le montsi mme mogare o aname ka bonako, bogolo jang mo dikarolong tse di boruma. Mo nakong e, motho o a bo a le mo diphatseng tsa go fetisetsa mogare kwa go ba bangwe ga lekgolo gonne masole a mmele a a bo a ise a kgone go fokotsa mogare mo mmeleng.

Bontsi jwa mogare jaanong bo tlaa bo bo fokotsega fa mmele o itwela ka go ntsha masole a one a itshireletso, ka jalo dikai tsa mogare tse di tseneletseng di se ke di itshupe dingwaganyana kgotsa go ya go tsena kwa go tse di lesome. Seemo se sa go tlhoka dikai se fetoga motho go ya kwa go yo mongwe.  Batho bangwe ba ka supa dikai fela mo dikgwedinyaneng tsa ntlha, fa bangwe ba ka nna ba sa supe dikai go fitlha dingwaga di ba di nna lesome. Mo nakong e, mogare one o a bo oikoketsa e bile o ganyaola masole a mmele

Printable version
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.