Ke Sireletsa Batho Ba Bangwe Jang Gore Ba Se Tsenye Ba Bangwe Mogare Wa HIV?
Tse ke ka di dirang;
• IKGAPHE MO TLHAKANELONG DIKOBO. Mokgwa o o tshephegang wa go ikgapha mo go tsenweng ke malwetsi a tlhakanelo dikobo, go akarediwa le mofuta o mongwe wa mogare wa HIV, ke go nna o sa tlhakanele dikobo.
• DIRISA DIKAUSU KA FA MOKGWENG, LE KA DINAKO TSOTLHE..
- Go dirisa dikausu tsa borre le tsa bomme ka dinako tsotlhe, le ka fa mokgweng, go ka fokotsa bodiphatsa jwa go tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo. Le fa go ntse jalo, ga gona mokgwa ope wa itshireletso, o o tshepagalang gotlhe gotlhe. Tiriso ya dikausu ga ena tshireletso e e feletseng kgatlhanong le malwetsi a tlhakanelo dikobo.
- Fa mofuta mongwe wa dikausu o sa go tseye sentle, leka o mongwe.
- Dikausu tse di tshasitsweng motswako o o bolayang peo ya borre, di tshwana fela le tse dingwe mo tshireletsegong ya go tsenwa ke mogare wa HIV, le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.
- Fa o sa dirise dikausu sentle, di ka relela, tsa somoga, kana tsa thubega, mme tshireletsego ya tsone, ya fokotsega. Go sa di diriseng nako le nako fa o tlhakanela dikobo, go ka go tsenya malwetsi a tlhakanelo dikobo, ka go ka diragala le fa o dirile fela jalo gangwe fela.
• ITSHIRELETSE FA O AMANA PELE GA TLHAKANELO DIKOBO (oral sex). O ka dirisa sekausu kana dental dam ee dirisiwang ke dingaka tsa meno. O se di dirise gape.
• ITSISE BA BANGWE FA O NA LE MOGARE WA HIV.
- Itsise batho ba o kileng wa tlhakanela dikobo le bone. Ga go motlhofo, mme ba tshwanetse go itse gore ba kgone go bona thuso. Ba kgaolo ya gago ba botsogo, ba ka go thusa go batla batho ba, le go ba itsise fa ba le mo diphatseng. Fa ba na le mogare, go ka ba thusa go tlamelwa, le go ba itsa go anamisa mogare.
- Bolelela batho ba o ikaelelang go tlhakanela dikobo le bone. Tlhakanelo dikobo e e sireletsegileng e tlaa thusa go sireletsa botsogo jwa gago le ba o dirisanyang le bone.
- Fa o le rre, mme o imisitse mme, mmolelele fa o na le mogare wa HIV, le fa o se rraagwe ngwana. Fa mme yoo a na le mogare, o tshwanetse go bona thuso ya bongaka ka bofefo, ene le losea, go ba thusa mo botsogong jwa bone.