Local time: Matlhatso, 16 Sedimothole 2017 15:07:22hrs
I am looking for: 

Lekalana le le lomaganyang ditiro tsa AIDS (NACA)
0
1
2
3
4
5
Megare e e okegang motlhofo
Megare e e okegang motlhofo

Bolwetse jwa kgotlholo e tona bo amana jang le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS?

Mogare wa HIV o koafatsa seemo sa mmele,sa itshireletso , mme fa go nna jaana, mmele ga o kgone go itwela kgatlhanong le malwetsi, mme megare ya bolwetse jwa kgotlholo e tona, e a ntsifala, mme e dire gore bolwetse jo, bo simologe. Ke sone se e leng botlhokwa gore batho ba ba nang le  mogare wa HIV, ba ikwadise mo lenaneong la IPT, yo o emetseng Isoniazid  Prevention Therapy, mme kalafi e e bolaya mogare wa kgotlholo e tona pele ga motho a ka lwala.

Bolwetse jwa letha la boboko ke eng?

Jo ke bolwetse jwa AIDS jo bo bolayang, gantsi bo bonala fa di CD4+ di wela kwa tlase ga 100cells mme bo bolaye pono. Bolwetse jo gantsi bo iphitlhile e bile dikai tsa jone mo 50% ya balwetse ga di iponatse.  Tlhogo e e opang gangwe le gape, fa gongwe e se botlhoko go le kalo, e tlwalesegile, mme go tshwanetse ga tsisa dipelaelo tsa bolwetse fela jaaka go latlhegelwa ke tlhaloganyo ka iketlo, pono e e sa tlhapang, le go gotela mo go sa tlhaloganyesegeng mo mothong yo o nang le mogare wa HIV, masole a gagwe a mmele a le kwa tlase ga 100.

Molelo wa badimo ke eng?KS


Molelo wa badimo ke bolwetse jo bo nyalanang le AIDS mo Botswana. Ke bolwetse jo bo amang letlalo mme bo kgona go ama le dikarolo tse dingwe tsa mo teng ga mmele le dipounama. Fa bo le mo letlalong, go lebega jaaka dinthonyana tse dinnye tse di sa babeng e bile di se botlhoko. Dinako tse dintsi batho ba tsaya fela gore ke disonyana tse di sa reng sepe. Fa bo le mo letlalong fela, gab o tshose. Le gale, fa molemo wa badimo o le mo maleng, makgwafo, boboko, o ka nna wa bolaya.
 Batho ba ba nang le mogare wa HIV ban a le one molelo o wa badimo ka na se kwa moseja se neng se bidiwa tebego ya motho wa AIDS fa bolwetse jo bo simolola.  Motho wa teng o nna le disonyana tse di ikalang le letlalo di bidiwa molelo wa badimo. Molelo wa badimo le HIV di ne di tsewa e le diyathoteng le loso.

A Ke Nale Molelo Wa Badimo?
Dintho tsa molelo wa badimo mo letlalong kgotsa molomo di bonala di le dikhibitswana. Gantsi ga di botlhoko e bile ga di babe. Ponalo ya tsotlhe e di dira dingalo go lemotshega mme o ka leka go tobetsa ka monwana go di farologanya le dinthonyana tse dingwe. Ntho fela bohibitswana ba yone bo a timela morago ga go tobetsa ka monwana mme e seng molelo wa badimo. Fela go lemoga molelo wa badimo go tlhoka ditlhatlhobo tsa bongaka. Ka gope fela motho a seka a leka go itlhatlhoba ene ka nosi. Molelo wa badimo o mošha kgotsa fa o fetoga o tshwanelwa ke go tlhatlhobiwa ke ba bongaka ka bofefo bo bo kgonagalang. Se se botlhokwa mo Batswaneng ba ba iphitlhelang ba lebane le bothata ba seemo se.

PCP?

“Pnenmocystis Jicovevi Pneumonia” (e pele e ne e itsege jaaka Pneumocystis Casinii Pneumonia PCP): PCP ke mofuta wa “pneumonia”, o o dirang gore o gotele mmele, o gotlhole, o nne le mathata a go hema (thata – thata fa o itshidila), kana mafatlha a gago a gagamale. O gakololwa go bona ngaka ka gongwe fa o na le dikai tse . Bontsi ja dikgetsi tse,ga di tshwenye \, mme batho ba ba gateletsweng thata ke PCP,ba ka swa fa ba sa bone thuso ya potako. PCP e tlhatlhobiwa ka go tsaya metsinyana kana namanyana e tswang mo makgwafong.

 

Khotlholo e tona ke eng?

Kgotlholo e tona ke bolwetse jo bo bakiwang ke setshidinyana se se bidiwang mycobacterium tuberculosis. Mogare o, o ka tlhasela karolo nngwe le nngwe ya mmele, mme o itsege thata ka go tlhasela makgwafo. Motho o kgona go nna le kgotlholo e tona e e itshupang, ka na e sa itshupe. Bolwetsi jwa kgotlholo e e tona jo bo itshupang, ke fa megare e jwalega mo mmeleng, mme masole a mmele a sa kgone go e thibela go tsenya motho bolwetse. Batho ba ba nang le kgotlholo e tona ya mafatlha, ba ka fetisetsa mogare kwa bathong ba ba amanang le bone. Fa motho yo o nang le bolwetse jo, a gotlhola, a ethimola kana a akgwa mathe, batho ba ba gaufi le ene ba ka nna ba hema phefo e e nang le mogare, mme wa ba tsena. Fa kgotlholo e tona e tlogelwa e sa alafiwa, mongwe le mongwe yo o lwalang bolwetsi jo, o ka bo tsenya batho ba le lesome, go ya kwa go lesome le botlhano, ka ngwaga.

Batho gape, ba ka tsenwa ke mogare o o iseng o itshupe. Fa motho a  na le latent TB, go raya gore mmele wa gagwe o kgonne go lwa le mogare o, go itsa go mo tsenya bolwetsi. Batho ba ba nang le mogare o, ga ba ikutlwe ba lwala, ga ba  na dikai dipe, e bile ga ba  kake ba o tshela batho ba bangwe. Mo bathong ba bangwe, mogare o kgona go nna mo go bone botshelo jotlhe, o sa itshupe, fa seemo sa itshereletso sa mmele, se koafala, jaaka batho ba ba nang le mogare wa HIV. Batho ba mogare o sa itshuping mo go bone, ba bidiwa batshudi ba one.

Go tsenwa ke mogare wa kgotlholo e tona ga mmogo le wa HIV,go oketsa fela thata dintsho tsa batho, ga mmogo le kanamo ya malwetsi a,mme seo ke kgwetlho mo lefatsheng la Botswana le botshogo jwa setšhaba. Kgotlholo e tona e e itshupang ya mafatlha le e e seng ya mafatlha ke e ba lekgotla la ditšhaba la botsogo ba reng ke ya seemo sa boraro, le sa bone ka go latelana, (clinical stage 3 & 4 conditions). Nako le nako fa o ya bongakeng, o tshwanetse go tlhatlhobelwa kgotlholo e tona.

 

Printable version
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.