Tlhakanelo Dikobo E E Sireletsegileng
- Gore mogare wa HIV o aname ka nako ya tlhakanelo dikobo mogare o o mo mading, kana metsi a mangwe a mmele, di fetela ko go yo o dirisanyang le ene. Metsi a, a tswa mo bonneng, kana mo bosading, pele ga setlhoa sa tlhakanelo dikobo, ka nako ya sone, kana, morago ga sone. Mogare o ka anama fa metsi a anang le mogare, a tsena mo mmeleng wa motho.
- Ga o kake wa anamisa mogare fa o sena one. Fa wena le mokapelo wa gago lo sena mogare, ga gona bodiphatsa bope. Le fa go ntse jalo, ga go reye gore ga o yo. Fa go sena kanamo le madi le metsi a mangwe a mmele, ga go na bodiphatsa. Kanamo ya mogare wa HIV, e nna teng fa mogare o tsene mo mmeleng. Ka jalo, ikela tlhoko ka nako ya tlhakanelo dikobo, go ka fokotsa kanamo ya mogare.
KA NAKO YA TLHAKANELO DIKOBO: Tlhakanelo e e sa sireletsegang e ka go baya mo diphatseng tse di kwa godimo tsa go tsenwa ke mogare wa HIV, mme se se diragala fa madi kana metsi a mmele, a amana le dikarolo tse di boruma, e bile di le metsinyana, tsa mmele, jaaka bosadi, molomo, nko, kana tlhogo ya bonna. Dikarolo tse, di gotlhega motlhofo, mme go fe mogare tsela ya go tsena mo mmeleng.
- Go tlhakanela dikobo o sa itshireletsa go borai. Metsi a mmele a tsena mo mmeleng, mme fa bonna bo tsena mo bosading, bo ka baka go gotlhega, kanamo e bo e nna teng. Motho yo bonna bo tsenang mo go ene, ke ene gantsi a nnang mo diphatseng. Le fa go ntse jalo, mogare o kgona go tsena mo bonneng fa a ka kgomana le madi kana metsi a mmele a a nang le mogare nako e telele, kana fa bonna bo na le diso.