Puso e tlama badiredi ba yone go itsaya ka botho. Ba ba mo ditumalanong le puso le baba mo bogoging kgotsa boeteledipele ba tlamega go sala morago botho/maitsholo a mantle go ya ka fa tumalono e e kwadileng. Puso e itebagantse gape le gore dikgwebo tsedi ikemetseng ka nosi le babereki ba tsone ba tshegetse maemo aa ko godimo a maitsholo a mantle mo ditirong tsotlhe tse ba di tshwaraganetseng le puso.
Maitsholo a mantle a ka thusa mongwe le mongwe go nna le tirisano mmogo ee tlhamaletseng e bile ele ya tlhwatlhwa. Maitsholo a aka letla bodiredi go godisa ditsompelo/ditirelo tsa bone ka tsela ee agang, go tila ditsela tse di senang mosola le tsedi seng ka fa molaong. Badiri ba dithoto le ditirelo ga ba a tshwanela go nna le tshoga, mme ba tshwanetse ba itse fa ba tlaa iteisana borathana ba itse fa bagaisanyi ka bone bana le maitsholo a mantle, go setswe melawana ya kgwebo e e kwadilweng e bile e dumelanwe.
Mo diemong tse dingwe tsedi amanang le boitsholo, melawana ya tsamaiso e tshwanetse go dirwa go supa le go fefosa go thibela kgotlhang ya dikeletso, go itepatepanya le go fetoga ga mananeo, le go tshegetsa dikitsiso tse di kgethegileng. Fa go ka diragala gore modiri wa dithoto le ditirelo mongwe ere mo go dirisaneng ga gagwe le yo mongwe modiri wa dithoto le ditirelo ga mmogo le puso go gogele ko kgotlhang ya dikeletso, modiri wa dithoto le ditirelo o ka tshwanelwa ke go kgaoganya ditirelo/merero go kganela kgotlhang e.
Puso e solofela gore botlhe ba ba tshwaraganetseng tiro le yone, ba tlaa tshegetsa tirisano mmogo e e tlhwatlhwa le badirela puso ba ikaegile ka tshepo. Tirisano mmogo e, e e ka ntshetswang mo pontsheng le go kanokiwa ke sechaba. Badiri ba dithoto le ditirelo ba ka solofela tirisano mmogo le puso ee lolameng ebile e letla go rarabolola mathata aa ka tlhagang. Badiri ba dithoto le ditirelo ba tshwanetse go tlhaloganya maitsholo a mantle mo bodirela pusong, ba netefatse gore mekgwa kgotsa tiro ya bone ga e tsenye badirela puso mo kgatelelong go ikgatholosa maitsholo a, mme a tsise seemo sese kgothatsang mo tirong.