Bodiredi jwa sepodise bo amiwa thata ke go gola ga go thuba mo lefatsheng. Sechaba se latlhegelwa ke dithoto, didirisiwa tsa motlakase le tse dingwe ka lobelo le le kwa godimo. Dirukutlhi di dirisa monyetla, jalo ba rata mafelo a a bonalang a sa sireletsega. Mo godimo ga se ba dira bogodu thata ka malatsi a boikhutso le dipaseka gantsi mo mosong ka nako ya bosupa le sephato sa oura go ya kwa nakong ya bone le sephato fa batho ba le kwa ditirong.