Sepodise sa Botswana (BPS)
Dilo tse di tshwanetseng go elwa tlhoko – mme di sa lemosege
Dilo tse di tshwanetseng go elwa tlhoko – mme di sa lemosege
Baeng le bakopi
Netefatsa go tlhapiwa ga badiri, babadi ba dipompo le ba baakanyi pele ga o ba letlelela mo lwapeng. O ka dira se ka go tsaya mogala wa motlhapi mo lokwalong lwa megala.
- Se amogele nomoro ya mogala e o e neelwang ke motho o mmelaelang
- Tshiboga ka pelaelo mo bathong ba ba tsisang dithoto ba re ba timetse kgotsa ba o ba botsang gore semang-mang o nna kae?
Mongwe yo o tsereng dithoto
Fa e le nako e e sa tlwaesegang, lefelo le le sa tlwaelesagang kana fa dithoto tseo di phuthetswe jaaka o kare di tswa go rekwa.
Mongwe yo o tsamayang le malwapa
Ela thoko motho yo o lekang lengwe lebati morago ga go tsamaya le a mangwe, a okomela ka matlhabaphefo, kgotsa a tsanelela kwa motsheo ga lelwapa, e ka nna serukutlhi. Bitsa mapodise ka bofefo. O seka wa letla motho yo o go tsamaya.
Koloi e e tsamayang mo motlhaleng o le mongwe mo mokgwatlheng
Gone ga go belaetse fa e se fela e tsamaya tsamaya letsatsi le letsatsi, kana nako e e rileng, bogela ka dinako tse di sa tlwaelesegang.
Koloi e etsamayang ka iketlo e sa tshuba dipone
Bogolo jang mo mafelong a dikolo, mafelo a itloso bodutu le metshameko. Bao e ka nna ba ba batlang go thuba, badirisi ba ditagi kanabagokafadi
Koloi e e emeng e na le motho kgotsa batho
Fa e se nako e e tlwaelesegileng, e ka nna ba ba batlang go dira melato e e farologaneng; go thuba kgotsa go utswa koloi e ba ka e dirisang.
Koloi e e latlhetsweng mo mebileng ya lona
E ka tswa e le koloi e e utswilweng
Paakanyo e e tswelelang mo lefelong le e seng la tiro
E ka nna gore dithoto tse di utswilweng di a gopelwa, go fetolwa mmala kana go timetsa bokao kgotsa bosupi.
Batho ba ba fetolang dikoloi ka bofefo
- Ba ka tswa ba leka go falola mapodise kgotsa lefelo la borukutlhi
Ba ka tswa ba leka go tlogela koloi e e utswilweng.
Ba ba batlegang
o Isaac Rebagamang
Lehapha la tsa borukutlhi jwa maemo a a ko godimo la sepodise mo Gaborone le ikuela mo setšhabeng go ba thusa ka tshedimoso e e ka ba fang lesedi la go tshwara Isaac Boyas Rebagamang.
O falotse mo mapodiseng a Kasane ko motseng wa Dukwi fa ba ne ba le mo tseleng go ya kgolegelong ya puso ko Francistown kgwedi ya Motsheganong e le masome mabedi ka 2008. O tlholega mo motseng wa Borolong mo kgaolong ya legare.
Ba ba batlegang
o Thabo Khumalo
Mapodise a Naledi a ikuela mo setšhabeng go fa tshedimosetso e e ka ba thusang go tshwara motho wa letso la Zimbabwe Sibanda yo o tumileng ka leina la Thabo Khumalo wa dingwaga tse masome a mararo le bone, yo o tlhagileng mo kgolegelong ya puso Seetebosigo a le lesome le botlhano. O ne a tswaletswe mabapi le kgang ya bogodu jwa dikgoka. O tlholega ko Bulawayo ko Zimbabwe mme go belaesega ha a le mo Botswana.
Printable version