Local time: Labobedi, 13 Phatwe 2013 11:54:53hrs
I am looking for: 

Sepodise sa Botswana (BPS)
0
1
2
3
4
5
6
Botho/ Boitshwaro jo bo belaesegang
Botho/ Boitshwaro jo bo belaesegang

Dintlha tse di latelang, ke tse di belaetsang, tse o tshwanetseng go di lebelela mo baagisanying;

 

  • Motho a tsene mo ntlong ya moagisanyi a seo, mme o sa mo itse
  • Go utlwala ga go kua mo boagisanying, go ka raya tshenyo, go thubetsa, titeo, kana go utswiwa ga koloi.
  • Go rekisiwa ga dilwana ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase, go ka raya gore di utswilwe.
  • Fa motho a ntsha sengwe fela sa koloi, se se tshwanang le dipalo tsa yone, a a tsewe e le serukutlhi.
  • Motho yo o tsamayang a okomela dikoloi tse di emeng, o ka tswa a batla go utswa sengwe.
  • Motho yo o tseneng a bo a tswa mo lefelong le sena go tswalwa.
  • Modumo wa go thubega ga galase, kana go thunya ga sengwe o ka raya gore go a thubiwa, kana go senngwa dithoto.
  • Batho ba ba tsamaya-tsamayang fa dikoleng, mafelo a boikhutso, ditsela, le mafelo a a kgethegileng, e ka tswa e le dithubetsi.
  • Batho ba ba tsamaya-tsamayang mo boagisanying, mme ba sa nne foo.
  • Mongwe le mongwe yo o lwantshanang le go tsena mo bonnong, mo madirelong, kana mo koloing, o tshwanetse go tsewa ele legodu.
Printable version
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.