NTEBELE KE GO LEBELE
Ntebele ke go lebele ke thulaganyo e e ikanyegang go thibela borukutlhi mo malwapeng. E ikaegile ka molwantshi mogolo yo o boikanyego; moagisanyi. Moagisanyi yo o molemo o ka bonwa gongwe le gongwe; - kwa morakeng - dikago - ditoropo
- Masimo - metse-se-toropo - magae
- Dikgotla - makeishane
DITLHALOSO
Ntebele ke go lebele ke thulaganyo ya thibelo borukutlhi e e akaretsang go tsaya karolo ga baagi ba dumalane le sepodise go fokotsa tiragalo le poifo ya borukutlhi mo morafeng. E diragala ka go itsane ga baagisane go ka aga botsalano bo bo ntlha pedi. Go tswelela ga thulagano e ka tumelo ya gore batho ba ba agileng mmogo, ba tshela le go tshameka mmogo ba tlhaloganya sentle letlotlo le mathata a lefelo la bone.
E akaretsa go ruta baagisanyi ka ga go bega borukutlhi, go lemoga mmelaelwa le metlhale ya go hema borukutlhi. Baagisanyi ba tlhagisanya go lebelelana le go tlhoma leitlho mo tiragalong nngwe le nngwe e e belaetsang.
GO RENG NTEBELE KE GO LEBELE?
Motlhale o o ikanngwa godimo go emengwe ka gore morafe o tsaya karolo e tona mo motlhaleng o.Motlhale wa motia wa go lwantsha borukutlhi ke wa gore; bo emise bo ise bo simolole.Se se ka diragala fa baagisani ba le mo kutlwanong go ka thusa mapodise. Ke baagisani ba ba itseng sentle se se diragalang magare ga bone. Ba ntebele ke go lebele ba ba ineetseng ba ingaparetsa dipapetlana tlhagiso mo dikgorong, matlhaba phefo le mo mekgwatlheng, go tsibosa dirukutlhi gore ba mo lifelong le le disitsweng ke baagisanyi.
KE SIMOLOLA JANG THULAGANO E MO LEFELONG LAME?
Borukutlhi bo ka tswa bo le teng, bo gomagometsa le go boifisa baagi. Go sa kgatlhalesege gore baagisanyi ba ntse jang, go tlhabantsha borukutlhi, bosilo le tse dingwe mmogo go ka bopa lefelo le bana ba ka gololesegang, le batho ba o ba neng ba lomolotswe ke borukutlhi ba ka natefelelwa go nna karolo ya kgotlana e e atlegileng.
Se se ka diragala ka ditsela tse pedi;
TSHIMOLODISO KE MORAFE
Baagisanyi ba dira ka bongwe kgotsa segopa, ba ka ya go kopana le ba sepodise go simolola lenaneo mo lifelong la bone.
TSHIMOLODISO KE BA SEPODISE
Ba sepodise ba ka lemoga fa kgotlana kgotsa lengwe lefelo le ka rua molemo wa lenaneo mme bat see kgato. Lefelo e ka nna mantle a batho ka bongwe; mantlo a toropo; loago lwa kgwebo kgotsa sekolo.
GO DIRAGALA ENG?
Ka tlwaelo ba sepodise mo mafelong gantsi ba thusa go simolodisa mananeo a. Ba thusa go thoma ntebele ke go lebele le go neela dipalo palo tse di amanang le lefelo. Bua le baagisanyi; a ba na le kgatlhego? A ba tlhaloganya mosola wa lenaneo? A ba na le matshwenyego ka mokgwa mongwe wa borukutlhi mo lefelong? Fa bana le one, ba kaele tse di latelang;
- Ntebele ke go lebele ke kgolagano ya baagisanyi go thusa ba sepodise go fokotsa borukutlhi.
- Ntebele ke go lebele e tlhoka bokopano gangwe le gape.
- Lenaneo le ga le pateletse motho go itsenya mo diphatseng go hema borukutlhi.
- Mapodise a tsenelela bokopano nako tsotlhe go neela dikarabo ka ga borukutlhi le dikitsiso ka ga tsamaiso ya sepodise
BOKOPANO
Baya letsatsi, nako le lefelo la bokopano ba ntlha.
- Beela letsatsi la bokopano kgakala go neela nako ya taletso
- Netefatsa gore nako e siametse baagisanyi le ba sepodise go tsenelela bokopano
- Phatlhalatsa dipampitshana tsa melaetsa mme o gakolole botlhe malatsinyana pele bokopano bo tsena
- Fa lo solofela palo e potlana, tsenelang bokopano mo ntlong ya moagisanyi. A e nne felo fa botlhe ba ka lapologang le go phuthologa.
- Mongwe le mongwe o solofelwa go tsenelela bokopano
LENANEO TSAMAISO LA BOKOPANO
- Fa go kgonagala phakisa dipapetlana tsa maina
- Neela puo ya kamogelo
- Ba abele dimonamone go lapolosa le go phutholola botlhe.
BOEMEDI JWA SEPODISE
Boemedi jwa sepodise bo tshwanetse boa me dintlha tse;
- Tsela ya go disa ga morafe mo lefelong
- Boikaelelo bogolo jwa ntebele ke go lebele
- Borukutlhi jo bo tlwaelesegileng mo lifelong leo
- Dikitso tse di riling go hema borukutlhi
- Ka fa boagedi e ka nnang “ matlho” le “ditsebe” tsa mapodise le go thusa mo ditlhotlhomisong.
- Mokgwa wa go bega borukutlhi le tse di tlhokafalang go fa bokao.
- Thusa go kgetha modulasetilo wa komiti
BOIKARABELO JA MODULASETILO
- Go tlhokomela le go rulaganya bokopano jwa ntebele ke go lebele
- Go nna mmueledi wa setlhopha
- Go nna mogokaganyi fag are ga morafe le sepodise
- Go ngoka baagisanyi go tsaya karolo mo go tshwareng kgotsa go amogela bokopano mo mantlong a bone
- Go nna le maina otlhe a maloko
- Go aba ditiro jaaka go kwadisa maloko a maša, go disa ka malatsi a boitapoloso le dipaseka, go disa mekgwatlha, go kokoanya madi, tsa bokwaledi, go itse le go tlhabolola mehapha le tsotlhe didirisiwa tsa twantsho borukutlhi.
- Go aroganya morwalo wa tiro le boikarabelo, komiti/modulasetilo e ka hetolwa mo nakong e e dumalanweng
GO DIRA LE GO PHATLALATSA MEHAPHA
Mohapha o ka thusa ba sepodise fa go begwa tiro nngwe ya borukutlhi mo lifelong. Mohapha o tshwanetse go akaretsa;
- Kitsiso ya modulasetilo
- Kitsiso ka botlalo ya mekgwatlha
- Maina ka botlalo. Dinomore tsa megala ya lelwapa lengwe le lengwe le go itsese malapa a a sireleditsweng ke boranyane jo bo teng
- Kitsiso ya baagisanyi ba ba nang le makoa kana mathata a go tsamaya ba ba ka thokang thuso.
- Kitsiso ya modiro le mefuta ya dikoloi mo malwapeng. Itsise baagisanyi gore koloi efe e nna kae.
- Dinomore ts ba sepodise, ba ditima-molelo le ba dikoloi tsa sepatela
- Dipaakanyo le go phatlalatsa seša mehapha fa go na le diphetogo dingwe
KOKOANANG LE AMOGANE MELAETSA
Go itse ka baagisanyi ba gago; dikoloi le metsamao ya bone go ka thusa go lemoga metsamao e e belaetsang.
KITSISO TSA BOTLHOKWA
Akanya go ka neelana dikitsiso tse di latelang le baagisanyi;
- Mogala wa mo lwapeng le kwa tirong
- Maina, dingwaga le dipalo tsa ba malapa a bone
- Di oura tsa tiro
- Malatsi le di oura tsa dikolo tsa bana
- Ke mang yo o nang le ntša
- Malatsi a boitapoloso kgotsa baeng ba ba rulagantsweng
- Bangwe ba ba tlisang dithoto kgotsa ba dira dipaakanyo
DITSELA TSA GO TSHEGETSA NTEBELE KEGO LEBELE
Fa lenaneo la ntebele ke go lebele le tlhomilwe ka katlego, netefatsa gore mongwe le mongwe o tlhaloganya le go sala morago ditselana tse;
- Tsibogela sepe fela se se belaetsang. Leletsa ba sepodise fa go tlhokafala. Gakologelwa go kwala dinomore tsa dikoloi le dikai tsa motho yo o mmelaelang
- Bolelela moagisanyi yo o boikanyego fa o tla a bo o seyo malatsinyana. Mo itsese ka fa a ka golaganang le wena fa go nna le sengwe.
- Disa malwapa a baagisanyi le bone o ba kope go disa la gao. Se matlaretse melaetsa e e jaaka “ ga ke yo” kgotsa “ ke ile malatsing a boitapoloso”
- Tsenelela bokopano ja ntebele ke go lebele gangwe le gape. Mapodise a tla a le ruta ka mekgwa ya borukutlhi le gore le dire jang ka motlha wa ditiragalo tse.
- Kwa godimo ga tsotlhe,inaakanye. Ke tsela e e tshephegang ya go fokotsa borukutlhi le go disa lefelo la lona
- Gakologelwa, tiro ya gago ke go bega borukutlhi; boikarabelo jwa go tlhatlhela dirukutlhi ke ja sepodise. Se, ga se itlhokomolose kgaolo ya 31,32,33,34 le 35 ya Criminal Procedure and Evidence Act, e e neelang dithata moagi mongwe le mongwe go tshwara ko ntle ga teseletso mongwe le mongwe yo o fitlhelwang a dira borukutlhi.