Sepodise sa Botswana (BPS)
Go thapiwa ke ba Sepodise
In this page not in the other one
TSE DI TLHOKAFALANG GO KA THAPIWA KE BA SEPODISI
- O tshwanetse go bo o le motswana
- Dingwaga a di nne tse dif a gare ga lesome le boferabobedi, le tse di masome a mararo.
- O tshwanetse go bo o fentse mophato wa botlhano, mme thuto ya sekgoa, e se ka fa tlase ga dintlha tse tlhano. Dintlha tsotlhe tsa gago, di tshwanetse go nna masome a mararo, le go feta.
- Maitsholo a e nne a a eletsegang
- Ga o a tshwanela gore o bo o kile wa roba molao.
- O tshwanetse gore o bo o itekanetse mo mmeleng, le mo tlhaloganyong( go na le bosupi jwa ngaka).
KGOGEDI
· Boroko jwa mahala ( maemo otlhe)
· Thuso ya kalafi e o itlhophelang gore a o a e batla. (Madi a puso e a go ntshetsang, ke seelo sa masome a matlhano mo lekgolong, mme wena, o ntshe sephatlo se sengwe. Lenaneo le, le ama babereki botlhe).
· Madi a mongwe le mongwe a patelediwang go a ntsha, ke a ikokotleletso gore e tle e re motlha wa o tlogela tiro o bo o na le madi a itshetso. (Mo go one a, puso e ntsha seelo sa lesome le botlhano mo lekgolong, go lebilwe madi a mmereki a a amogelang. Mmereki ene, o ntsha seelo sa botlhano mo lekgolong sa madi a gagwe a kamogelo).
PHOKOLETSO DITLHWATLHWA
PHOKOLETSO DITLHWATLHWA GO TSWA MO MAEMONG A CONSTABLE, GO TSENA KWA GO BO INSPECTOR
Metsi - Phokoletso ke lekgolo la dipula (P100.00)
Motlakase- Makgolo a mabedi a dipula (P200.00)
Ikgolaganye le rona
ATERESE
The Director of training
Botswana Police College
Private bag 009
Otse
Tel No; 5336200 Fax: 5337523
Printable version