E rile ka ferikgong a le lesome le boferabongwe ngwaga ono (2009), tona wa tsa melao le itshireletso, rre Dikgakgamatso Seretse, a amogela difofane tse pedi tsa tlhoo-tomo, tse di tlaa dirisiwang mo ditirong tse di farologaneng. Ditiro tseo, di akaretsa go sala babelaelwa morago, go lebelela motsamao wa dikoloi, go lebelela boitshwaro jwa batho, ga mmogo le tsa patlo le phalotso.