Sepodise sa Botswana (BPS)
In this page not in the other one
Pego ya beke le beke ya sepodise ka tsa borukutlhi gotswa seetebosigo 23 – 29 ka 2008.
Ba sepodise ba tshwere ba belaelwa ba le palonyana mapabi le melato e e farologanyeng ka tsamaiso ee faphegileng e e neng e dira mo Gaborone le tikologo. Ka nako eo, mapodise a ne a emisa, a botsolotsa a bo a phuruphutsha batho ba ba ka nnang dikete tse tharo makgolo a marataro, masome a le tlhano le botlhano. Mo go bone bale makgolo mabedi, masome a robabobedi le bobedi ba ne ba lebisiwa melato e e farologanyeng. Ba dikoloi ba le sekete, makgolo a mararo, masome a matlhano le borataro le bone ba ne ba emisiwa, ba botswa dipotso ba bo ba phuruphutshela mo melatong e e farologanyeng.
Melato e ne e akaretsa mo go emengwe go fitlhelwa ka dithoto tsa bogodu, go fitlhelwa ka ditlhatshana tsa ditagi, go tlola melawana ya ditsela, ya tsa thekiso le dino, modumo le go sa itshwareng sentle.
Mo go tse pedi, ba le barataro ba tshwerwe ba sena go fitlhelwa ka dikoloi tse pedi tse go belaelwang e le tsa bogodu, ha ba supa bone ba tshwaretswe go tshola motokwane ba sena tetla. Mapodise a ne a tshwara gape batho ba le lesome le bosupa ka molato wa go kgweetsa ba sena ditlankana tsa bokgweetsi.
Direkote tse diša tsa beke le beke
|
Molato
|
Palo ya dikgetsi |
Palo ya ba ba tshwerweng |
Dibetsa tse di dirisiwang mo borukutlhing |
Madi/dithoto tse di amegileng mo borukutlhing jwa dikgoka |
Dikoloi tse di bonetseng |
|
polao |
2 |
- |
- |
- |
- |
|
petelelo |
24 |
10 |
- |
- |
- |
|
Bogodu jwa dikol |
16 |
- |
- |
- |
4 |
|
Go thukutha go ipapannwe ka dibetsa |
43 |
6 (mo dikgetsing tse nne) |
(34) dithipa
(9) tse dingwe
|
Go feta P100 000 madi,
Go feta P40 000 dithoto |
- |
Tshoboko ya dikgetsi/ dikotsi
|
KGETSI/KOTSI |
FIRIKGONG 2008 GO FITLHA JAANA |
KA LONE LOBAKA LOO KA NGWAGA WA 2007 |
|
polao |
98 |
114 |
|
Borukutlhi go ipapannwe ka dibetsa |
1063 |
916 |
|
Palo ya batho ba ba tlhokafetseng mo dikotsing tsa tsela |
240 |
197
|
|
petelelo |
813 |
687 |
|
Bogodu jwa dikoloi |
297 |
221 |
Printable version