1. lotlela ka nako tsotlhe; se tlodise sepe matlho. Mabati le matlhabaphefo a tshwanetse go lotlelwa e seng fela re le kwa ntle le fa re le golo gongwe mo ntlong, o le mo mogaleng kana kgakala le kgoro e e tsenang kwa ntlong.
2. kgaola tse di sirang; kgaola ditiro tse di dikologang ntlo. Magodu a rata ditlhare tse di tshirang. Se se ka ba fa letsogo le le kwa godimo. Bao ba tsenang ka go ralala ba ka bonwa bonolo fa ditlhare di kgaotswe, di fokoditswe.
3.lotlela thata lebati le le tsenang; lebati le ke lone le ba ka le dirisang mme o lotlele lone segolo bogolo. Dikgorogorwane tse e reng di lotletswe di lotlolwe ka selotlele di siame go kganela dirukutlhi go tswa ka dithoto fa ba tlhagetse mo ntlong.
4. tswala matlhabaphefo otlhe; tsenya ditshipi tse di kganelang magodu mo matlhabaphefong otlhe. Ka tsela e, legodu le tla a diega go thuba
5. tshuba dipone bosigo; tshuba lelwapa bosigo kana o tsenye dipone tsa sesha tse di tshubang ka go dupelela motsamao.
6. lotlela dikoro tse di nnye; dikgorwana tse di a itlhokomolosiwa. Di tshwanetse go tswalwa thata.
7.rua ntŠa ; akanya go rua ntsa. Le fa o sena ntsa, akanya go baya papetlana ya “TSHABA NTSA” mo dikgorong. Magodu fa ba akanya go thuba ba akanya le ntsa e e bogale ba ka boela morago.
8. tsenya alarm; di alarm tse di siameng go thusa tshireletso tse dingwe ke di alarm tse di bonalang, di lelela kwa godimo di tshwaraganye/gokaganye le tsa di security tse di tsibogang fa di lela nako tsotlhe.
9. lotlela meter wa motlakase; go thusa gore magodu a seka a kgaola motlakase go kgoreletsa tsotlhe tsa tshireletso tse di dirisang motlakase
10. lotlela didirisiwa fa go babalesegileng; gantsi meriti le di garage ke mabeelo a didirisiwa tse magodu a ithusang ka tsone go thuba jalo di lotlelele. Fa go nale lebati le le tswang mo garage go tsena mo ntlung, le lotlele.
11. dira thulaganyo e fa o seo ka malatsi a boitapoloso; ntlo e e senang ope e oka magodu. Se tlogele ntlo e le nosi, le fa e le ka nakonyana. Fetola dikgorogorwana tse di onetseng.
12.ipaakanyetse tshoganetso; dira gore nomoro ya lelwapa la gago e bonale sentle gore fa o leletsa mapodise le ba bangwe ba bone lelwapa ka bofefo.
13. itse moagisanyi; go botlhokwa go itse moagisanyi le go tlwaelana. Moagisanyi yo o tshephegang o ka go disetsa ntlo le go bega se se belaetsang.
14. nna leloko la ntebele ke go lebele; lekoko le le botlhokwa ka jaana baagisanyi ba itsane sentle ka lone. Disenyi di lemogiwa motlhofo mme go kgorelediwe maikaelelo a bone a tshenyo.