Mokgwa wa go lwantsha borukutlhi ke go dumela fa thenyo e ka fokotsega ka go dira ga morafe o o kopaneng, o ineetse e bile o na le lesedi. Mo Botswana motlhale o, o simologile ka 1984 fa ba sepodise ba lemoga fa go fokotsa borukutlhi go sa ikaega ka sepodise le ba melao fela.
Metlhale e e anameng ya thibelo e tshwanetse go tlhabololwa.
Se sa baka go tlhaiwa ga dikhuduthamaga tsa morafe go kopanya sepodise le morafe bogolo jang mo go abelaneng melaetsa.
Mogopolo o ne wa bonwa o siame, jalo, ka 1995 National Crime Prevention Unit ya simolodisiwa ka fa tlase ga Criminal Investigation Department go tlhokomela tsamaiso le maiteko a twantsho borukutlhi mo lefatsheng
Seabe sa tiro ya lephata ya nna ; go tlhokomela, go tsamaisa, go sekaseka le go bona maduo a ditiro tsa thibelo, go dupa borukutlhi, go ruta setšhaba, le go gakolola bagolwane mo go tse di amanang le botsamaisi, go rotloetsa go tsaya karolo ga morafe.
Metlhale e le mmalwa e ne ya simololwa morago ga go simolola lephata le. Go thaya pono kgotsa ponelo pele ya sepodise e nnile tsela e ntle go thusa ponelo pele ya setšhaba ya 2016. Sepodise sa Botswana sa fetoga go nna sepodise sa bodiredi, matlo a katlholelo a fetoga go bidiwa matlo a bodiredi ba setšhaba le tse dingwe tsa tlhabololwa jalo.