Mo go lekeng go dira gore morafe o nne le seabe, ba sepodise ba ne ba dumalana go tsaya letshego la tebelopele le le balegang le re ;
Re le ba sepodisi sa Botswana re ikemiseditse go ntsha thuso e e nitameng e e ka fa tsamaisong ya go ntsha ditirelo; go thusa gore go nne le kagiso, tshireletsego le kgololesego; re kopane le morafe ka kakaretso.
Maikaelelo a a dirile gore go nne le ditlhotshwana tse di botlhokwa tse di tshwanang le sepodise sa morafe, se e le tsela nngwe ya go lemoga setšhaba se kgona go ikemela gape re abelana maikarabelo a ba sepodise le makgotlana a mangwe go netefatsa tikologo e e sireletsegileng e bile e gololesegile.
Ditlhobolo tse di seng ka fa molaong tse, di mo diatleng tse e seng tsone. Di tshotswe ke dirukutlhi tse re di bitsang ditsala tsa rona, masika, bana ba rona ba basimane le ba basetsana, ba ba mo lefatsheng la rona ese ka fa molaong, baeti ba rona, batsadi jalo jalo.
Re dumela gore go di ba amoga go ka dirwa bonolo ke ba ba gaufi thata le tsone dirukutlhi tse,tirisanyo mmogo le morafe, le gone go itse digopana tsa tsone dirukutlhi le ditiro tsa bone tsa malatsi otlhe. Dirukutlhi di tsamaya ka boganka, ba sa tlotle ba bangwe ba tshotse tsone dibetsa tse, ba setse ba itshetletse mo morafe o seng kelotlhoko mo go lekanyeng gape le go tsibosa ka ba ba nang le tsone ko go ba ba lebanyeng.
Go botlhokwa thata jaaka re le baagi ba ba nang le boikarabelo go tsibogela seemo se se etegelang le go leka go nonotsha go tsenya letsogo mo twantshong borukutlhi jwa go amoga batho dithoto ka bofefo jo bo kgonagalang gore re kgone e e teng ya tiriso dikgoka le go tsenelela batho mo malwapeng mo lefatsheng ka kakaretso.
Se se ka tlhaga e le maikemisetso a ba sepodise sa Botswana ba ikaelelang go nitamisa tirisanyo mmogo ya ba sepodise le morafe go lwantsa go amoga dirukutlhi ditlhobolo tse di seng ka fa molaong.