Local time: Labobedi, 13 Phatwe 2013 11:57:41hrs
I am looking for: 

Sepodise sa Botswana (BPS)
0
1
2
3
4
5
6
Go rotloetsa Morafe go tsaya karolo Mo twantshong Borukutlhi
Go rotloetsa Morafe go tsaya karolo Mo twantshong Borukutlhi

Go Rotloetsa Morafe Go Tsaya Karolo Mo Twantshong Borukutlhi Ya Tiro Ya Ditlhobotswana Go Nna Le Tšhaba E E Sireletsegileng ka 2016

Selekanyo sa borukutlhi se se amanngwang le tiriso ya ditlhobotswana tse di seng ka fa molaong, se tlisa matshwenyego a matona thata mo Pusong le baagi ka kakaretso. Se ke kgwetlho e tona mo makgotlaneng a tsa itshireletso, ba tshwanelwa ke go ipatlisisa le go kanoka ka fa ba ntshang ditirelo ka teng, go leka go itebaganya le bothata jwa go nna le ditlhobotswana tse di seng ka fa molaong mo lefatsheng. Kgwetlho e tona ke ka fa go leng motlhofo ka teng gore ba e elng dirukutlhi ba kgone go nna le tsone dibetsa tse di elediwang tse.

Metlhlala ya borukuthli le dipalopalo mo Botswana di supa fa ditlhobolo tse di seng ka fa molaong (ditlhobotswana, le tsa kgotla more o itirise) e le tsone tse gantsi di fitlhelwang di dirisitswe mo mabentleleng, makgotlana a itshireletso a a tsamaisang madi, beng ba dikoloi, mo malwapeng, diofisi tsa ga goromente jalo jalo.

Lefa gontse jalo,go na le makgetlho a a ka tsenang mo seatleng a go tla a fitlhelwang go dirisitswe ditlhobolo tse di kwadisitsweng ka fa molaong, mme se supega fa se dirwa ke ka fa bogogi jwa one makalana a a abang ditlhobolo a seng kelotlhoko ka teng mo go ba ba di neetsweng. Dibetsa tse ke tsone di godisang borukuthi jwa dikgoka bogolo thata go dirisiwa dibetsa. 

Dikgwetlho 

Kgwetlho e tona e mo go reng go ka dirwa jang gore go fokodiwe go kgona go nna le dibetsa tse, le kgolo ya tiriso dikgoka le tshenyo e e tseneletseng,go kgontsha Batswana go tshela matshelo a bone a malatsi otlhe ba gololesegile ba sireletsegile, ba sa tshelele mo letshogong la go ka tsenelelwa ke dirukutlhi ka dikgoka. Go botlhokwa thata mo go ba ba lwantshang borukutlhi go leka go bopa setšhaba se e leng gore ditshwanelo tsa sone di sireletsegile ka thuso le tirisanyo mmogo ya banni ba Botswana.  Re na le kgwetlho rotlhe re le badiragatsi ba molao le batho ka kakaretso go netefatsa gore Botswana a nne le gone go ka gogela bagwebi le dikgatlhego tsa bajanala mo Botswana.

Ke kgwetlho mo go rona rotlhe jaaka re leka go diragatsa megopolo le ditiro tsa setlhopha sa tebelopele ya setšhaba go netefatsa boikarabelo, go nna le setšhaba se se sireletsegileng. Gore e re ka 2016 re bo re kgonne go nyeletsa tiriso dikgoka e e tseneletseng le gone go nna le dibetsa tse di seng ka fa molaong (presidential task group 1997). 

Maiteko a a tshwaraganetsweng

Maikaeleolo a go nna re le tšhaba e e sireletsegileng ka 2016 a ka kgonafala fela fa rotlhe ba re ratang kagiso mo Botswana re ka a kopanela  go akarediwa maphata a a farologanyeng a ga goromente, le a a kopanetseng tiro le goromente, a a ikemetseng ka nosi le setšhaba ka kakaretso, ka jalo re ka kgona go emisa gone go tshola dibetsa e se ka fa molaong ka tiriso ya makgotlana a twantsho borukutlhi, tse tsotlhe di ka nna le karabo gongwe ya se nnela ruri.

Printable version
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.