Botswana police college, e ithoma go ngoka, go kgetlha, go neela thuto ya maemo mo go diragatseng molao, go rutuntsha, go tlhabolola, go gokaganya le go dupa tse di amanang le tsa selegae, le kwa ntle go dira Botswana yo o babalesegileng.
Re ikaelela go neela badiri ba ba etleetsang tirafatso ya molao ka thuto ya boleng, ka tiso tlhabololo, therisanyo le dipatlisiso go neela ditirelo tse di faphegileng.
TSE DI BOTLHOKWA TSA BOTSWANA POLICE COLLGE
Re ikaelela go fitlhela ponelo pele le boikaelelo ka tse di latelang;
LETLOTLO LA BADIRI
Re lemoga fa maatla a rona a ikaegile ka badiri ba ba nang le kitso, ba katisitswe, ba kgotlhaditswe e bile ba tlhabolotswe le go akola menyatla le go bewa sentle mo mafelong a bodiredi
KELELELO MO SETŠHABENG
Ka go lemoga fa setšhaba e le bareki ba rona jalo kelelelo ya rona mo go tsotlhe tse re di dirang ka go nna pelontle tlhokomelo go tsiboga, boitshoko le kutlwelobotlhoko.
GO DIRA KA TSHWARAGANO KGOTSA GO DIRA RE LE SEPANE
Ka go lemoga fa go tlhokega go dira re le sepane re ikaegile ka therisano, go dira mmogo go itshepafala, go tshegetsana, go dira ka natla, boineelo le tlotlo go sa itebaganya fela le maemo kgotsa bong.
BOIKANYO
Ka dinako tsotlhe go diragatsa molao ka tolamo, boutlwelo-botlhoko le mo pontsheng kwa ntle ga go gogela kobo moribe.
GO TSHWARA DIPHIRI
Ka go fitlha diphiri fa e se go tlhokafala go di ntsha ka fa molaong.
TEKATEKANYO
Go direla morafe le setšhaba re sa leba dingwaga, bong, mmala, bogole, kanamo ya sepolotiki kana ditumedi, letso le mmala le kwa ntle ga poifo le botsalano.
GO TLOTLA DITSHWANELO TSA SETHO
Go tlotla, go sireletsa le go tshegetsa ditshwanelo le kgololosego ya mongwe le mongwe.
PROFESSIONALISM
Ka go patleletsa, maano, thaloganyo le go dirisa patleletso e e lekaneng go diragatsa thomo le tiro.