Tiego ya metsotso e metlhano e ka senya sebaka sa go bona mmelaelwa. Go botlhokwa go bega ka pela.
· Basupi ba ba boning ka matlho ba tihokega thata go swetsa dikgang tsa borukhutlhi. Mokgwa wa puo o o jaaka “ nna ga di nkame”, “ ke tshaba bosupi”, “ ke tiro ya mapodisi”, ga o letlelelwe mo thulaganyong ya ntebele ke go lebele.
· Bolelela mapodisi ka fa o tlhaloganyang ka teng. Boammaaruri ga gona bo bo seng botlhokwa.
· Go tshwarwa le go atlholwa mo go ntsi go bakwa ke se ba ba tlhokafaditsweng le basupi ba se begelang mapodise.
DIPOTSO TSE DI BOTSWANG FA O BEGA
Mapodise a botsa dipotso tse di latelang fa o bega;
· Maina a gago ka botlalo, bonno le mogala?
· Ke mang, eng, kae le leng?
· Babelaelwa ba ne ba le kae?
· O ka kaya babelaelwa?
· O ka kaya dikoloi?
· Ba bua puo efe?
· Ke ba letso mang?
· Nako e ne e le mang?
· Dinomoro tsa dikoloi ke dife?
· Bane ba dira eng?
· Bane ba dirisa eng
· Ba tsere eng?
· Ba ne ba reng?
· Ba ne bay a kae le tse dingwe tse dintsi
Ka ditlamelo tse di tlhaelang le bodiredi, kana dipego tse dintsi tsa potlako, nako dingwe mapodise ga a tsiboge ka bofefo. Ba tsiboga go ya ka diphatsa tse di amang matshelo a batho. Jalo o seka wa fela pelo ka batla a go thusa.
GO NNA MOSUPI
· Fa o begile borukutlhi, tshwara fela jalo.
· Go nna mosupi kwa kgotla ya ditsheko ga go thata jaaka o akanya. O tla a tlamelwa ka tsa mesepele le tlhokomelo ya letsatsi lotlhe o le ko lekgotleng
· Go a busetsa go sekisa; go atlhola dirukutlhi tse di tshwaretsweng go thubaka dikago, jalo ba kgorelediwe go senya ka go tlhatlhelwa.