Sesole se thapa Batswana ba ba dingwaga di fa gare ga 18 le 24. Ka dinako dingwe, dingwaga tse di ka itlhokomolosiwa ga thapiwa motho yo o fetang fa, fa e le gore o na le dithutego dingwe tse di faphegileng jaaka bongaka. Bathapiwa ba tshwanetse ba bo ba itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong e bile ba se na molato ope.
Ba maemo a Cadet ba tshwanetse ba bo ba dirile dithuto tse dikgolwane tsa Degree,
fa ba maemo a Private bone, ba tshwanetse go bo ba dirile BGCSE mme ba na le dintlha tse 30. Yo o nang le setlankana sa dithuto tse di fetang fa, o tlaa bo a le mo tshiamelong ya go ka thapiwa.