Tebelopele
Mo tsamaong ya nako, maitiso a e nnile sengwe sa dilo tse di botlhokwa fela thata mo mananeong a go direla setshaba ditlhabololo a ka one BDF e lekang go thusa batho ba ba tlhokang kgotsa e le boikarabelo jwa yone mo setshabeng jaaka go buiwa gompieno. Ka yone thulaganyo e ya go ya kwa bathong, mo ngwageng ono fela, go abetswe batlhoki matlo mo mafelong a:
Tiriso ya dipoelo tsa 2006
Mo dingwageng tse 16 tse di fetileng, mekgatlho ya bopelotlhomogi e le mmalwa e boetswe go tswa mo thulaganyong e. Monongwaga dipoelo tsa maitiso a 2006 di tlaa abiwa jaana:
- Mokgatlho wa letlole la Sponsor a Child
- Masisi Organ Foundation
- Mokgatlho wa batlhoka-kutlo
- Childline Botswana
- Lekalana le le faphegileng la sekole sa Solomon Dihutso
- Mothers Union Centre- Mahalapye
- Mokgatlho wa batlhokapono( Central Association for the blind)
Matlo a a abilweng ka 2009
Gubajango, Mmadianre, Matsiloje, Francistown (-matlo a mabedi), Damuchujenaa, Sefhophe, Phuduhudu le Mokgenene
Ditiro tse di abilweng
- katoloso ya kokelo ya balwetse ba ba okelwang kwa malwapeng kwa Ramokgwebana
- motlobo wa dibuka kwa sekoleng se sebotlana sa Ledumang kwa Gaborone
- ditlamelo tsa itloso bodutu kwa mabaleng a sekole sa Ben Thema kwa Gaborone
- Lefelo la tlhatlhobo kwa kokelong ya Rakhuna