Local time: Mosupologo, 12 Phatwe 2013 20:42:46hrs
I am looking for: 

Ofisi ya Mosireletsi wa Setšhaba (OMB)

Amogelesega mo Webosieteng ya Ofising ya Mosireletsi wa Setšhaba

Ofisi ya Mosireletsi wa Setšhaba e simolotswe ka 1995 ka Molao wa Palamente mme ya simolola go dira ka di 1 December, 1997. Mosireletsimogolo wa Setšhaba ke modiredi yo o thapiwang ke Tautona a rerisanya le Moeeteledipele wa Kganetso mo Palamenteng. Tiro ya gagwe e akaretsa go tlhotlhomisa dikgato le ditshwetso tsa tsamaiso ka makgotla setšhaba le bodiredi jwa makgotla ao. O dira ditlhotlhomiso tse a sena go amogela dingongorego mo setšhabeng, kana mo mabakeng a mangwe, ka boene, mme mo mabakeng a otlhe o kgona go fa dikgakololo tsa go baakanya seemo fa a bona go tshwanetse go dira jalo.

Didirisiwa le ditlamelo, itse ka tsone ka tiriso ya website
Kaedi ya lephata
Copyright © 2011 Government of Botswana. All rights reserved.