Amogelesega mo Webosieteng ya (OAG)
Motlhatlhobi-mogolo wa Dibuka tsa Madi a Puso wa Botswana le ofisi ya gagwe ba simolodisitswe ka tsetlana ya Molaomotheo wa Botswana e le go tlhatlhoba dibuka tsa madi le go fa pego kwa Komiting ya Palamente ya tsa madi, makgotla a ditsheko le bao ba filweng tetla ke puso ya lafatshe la Botswana. Go ikemela ka nosi ga ofisi go tsepamisitswe mo molaomotheong wa lafatshe la Botswana.
Go bonala lo ikemetse ka nosi ga ofisi e go botlhokwa thata mo go rotloetseng mowa wa go kanoka tse di dirilweng le go tlotlomatsa mowa wa go direla dilo mo pontsheng ka boikarabelo mo mererong ya setšhaba mono Botswana. Se se tlotlomatsa ka fa Botswana a elelediwang mathe ka teng jaaka sekgantshwane sa Aforika mo go tsamaiseng merero ya setšhaba ka mowa wa go direla dilo mo pontsheng ka boikarabelo mo mererong ya setšhaba.
Jaaka Ofisi e kwa godimo mo lefatsheng, Ofisi e kaelwa tsela ke Molao wa tsa Madi le Thupo ya one (Finance & Audit Act) mme ke moeteledipele mo mererong ya boikarabelo le tsamaiso sentle ya madi mo bodireding jwa puso.