1. Simololang komiti ya thibelo bogodi jwa mo lefelong la gago. Mapodise a tla lo neela mekgwa ya bogodu jwa leruo, metlhale ya thibelo le dikitsiso tse dingwe. Batsaya karolo-badiri ba veterinary ba tla tsenelela dikomiti go amogana dikitso ka ga go tshuba le metlhale ya go tshwaya.
2. Netefatsa gore leruo le tshubiwa sentle. Barui ba rotloediwa go dirisa metlhale ya omang le motlhale wa boranyane wa “Livestock Identificaton and Trace-back system” (LITS).
3. Barui ba dipolasi ba tshwanetse go agelela le go baya dipolasi mo seemong se se siameng jaaka diheke tse di tswalang sentle. Ba tshwanetse go beela megotlha e e pegelang kgakala le magora/diterata fa go kgonega.
4. Boloka dipalo sentle, dinomoro tsa leruo, dintlha tsa kwadiso,tsotlhe ditlhaloso tsa phologolo le motsamao wa yone. Se se ka thusa go lemoga fa e utswilwe le gone leng, kae le go thusa mapodise ka di tlhotlhomiso, go nolofatsa go batla seruiwa le dirukutlhi
5. Itsaneng sentle le baagisanyi. Morafe o o dirisanang o hema borukutlhi. Itsese baagisanyi gore ga o yo leng mo morakeng o tlogele le nomoro ya mogala le lefelo. Ba kope go ela tlhoko baeng le dikoloi tse di sa tlwaelesegang mo ga gago mme o kope gore go ba go leletse
6. Dira mmogo le mapodise go simolodisa lokwalo dikgang go neelana dikitsiso ka borukutlhi le thibelo ya bone le maele; rotloetsa puisano ka mathata a.
7. Lalaletsa mapodise go etela mafelo a marekisetso le matlhabelo.ba ka dirisa nako e go bua le barui, bareki ba leruo le batlhokomedi ba matlhabelo ka ga borukutlhi.
8. Tswee tswee etela moraka gangwe le gape go tlhaloganya dikgang tsa leruo.
9. Begela mapodise ka ga bosenyi le borukutlhi ba leruo